1Nkutlwela botlhoko Modimo,
ka fa bopelonoming jwa gago
jwa lorato, ka fa bontsing
jwa mautlwelobotlhoko a gago,
o phimole ditlolo tsa me.
2Ntlhapisetsa ruri mo boikepong
jwa me,
o nntlafatse mo boleong jwa me.
3Gonne ke ipolela ditlolo tsa me,
le boleo jwa me bo ntutse pele
ka gale.
4 Ke wena, wena wesi
yo ke go leofetseng,
ka dira se se bosula
mo ponong ya gago,
gore o tle o bonwe o le tshiamo
mogang o buang,
o bo o nne phepa
mogang o atlholang.
5Bona,
ke ne ka bopegela mo boikepong;
mmé mmè a nkamogelela
mo boleong.
6Bona, o eletsa boammaaruri
mo ditennyeng;
le mo bokaeng jo bo fitlhegileng
o tlaa nkitsise botlhale.
7Ntshekisa ka mosiama,
mme ke tlaa itsheka; ntlhapisa,
mme ke tlaa nna mosweu
bogolo go kapoko.
8Nkutlwisa boitumelo le boipelo;
gore marapo a o a robileng
a tle a itumele.
9Subela dibe tsa me sefatlhogo
sa gago; o bo o phimole
maikepo a me otlhe fela.
10Modimo, bopa pelo e e itshekileng
mo go nna;
o bo o šafatse mowa o o siameng
mo teng ga me.
11O se ka wa ntatlha,
wa ntlosa fa pele ga gago;
le mowa wa gago o o boitshepo
o se o tlose mo go nna.
12Nthebolela boitumelo jwa poloka
ya gago;
o ntshegetse ka mowa
o o phuthologileng.
13Foo ke tlaa ruta batlodi
ditsela tsa gago;
le baleofi
ba tlaa sokologela kwa go wena.
14Nkgolola mo molatong
wa go tsholola madi Modimo,
wena Modimo wa poloko ya me;
loleme lwa me lo tlaa opelela godimo
ka ga tshiamo ya gago.
15Jehofa, bula dipounama tsa me;
mme molomo wa me
o tlaa bolela pako ya gago.
16Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo;
nkabo ke se ntsha;
ga o na kgatlhego
mo tshupelong e e fisiwang.
17Ditlhabelo tsa Modimo
ke mowa o o phatlogileng;
pelo e e phatlogileng,
e e ngomogileng
ga o ketla o e nyatsa Modimo.
18Direla Sione molemo
ka fa natefelong ya gago;
aga dithako tsa Jerusalema.
19Ke gone o tlaa natefelwang
ke ditlhabelo tsa tshiamo,
le ke tshupelo e e fisiwang,
le tshupelo e e fisiwang
e le mmogo; ke gone
ba tlaa isang dikgomo ditlhabelo
mo sebesong sa gago.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.