ISAIA 63 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Phenyo ya Modimo mo ditšhabeng tsotlhe

1 E mang yo,

yo o tswang kwa Etome,

a le diaparo tse di bohibidu

jo bo mokgona,

a tswa kwa Bosera?

Yo o galalelang ka diaparo

tsa gagwe, a sepela

mo bogolong jwa thata ya gagwe?

“Ke nna yo ke buang mo

tshiamong, ke le mothata mo

go bolokeng.”

2Ke ka ntlha yang

fa e bo ne ne o le diaparo

tse di bohibidu,

o le diaparo tse di ntseng

jaaka tsa yo o gatang sedibeletso

sa bojalwa jwa mofine?

3 “Ke gatile sedibeletso sa

bojalwa jwa mofine

ke le nosi fela;

mme go ne go se na ope wa ditšhaba

le nna; ee,

ke ba gatile mo boraleng jwa me,

ke ba sobotlile mo tšarologong

ya me;

madi a bone a mahibidu

a gasegetse diaparo tsa me,

ke bile ke hubiditse diaparo tsa me

tsotlhe fela.

4Gonne letsatsi la pusoloso

le ne le le mo pelong ya me,

le ngwaga wa barekolodwi ba me

o fitlhile.

5 Mme ka leba, mme go ne go se na

ope yo o thusang;

mme ka gakgamala

ka go se na ope yo o tshegetsang;

ke gone ka mo letsogo la me ka nosi

la nteretse poloko,

le tšarologo ya me ya ntshegetsa.

6Ka gataka ditšhaba

ka bogale jwa me,

ka ba taga mo tšarologong ya me;

mme madi a mahibidu a bone

ka a tshololela fa fatshe.”

Bomolemo jwa ga Jehofa mo go Iseraele

7Ke tlaa umaka mapelonomi a lorato

a ga Jehofa,

le dipako tsa ga Jehofa

ka fa dilong tsotlhe tse Jehofa

o di re neileng;

le molemo o mogolo wa gagwe

ka ga ntlo ya Iseraele,

o o o ba neileng

ka fa mautlwelong botlhoko a gagwe,

le ka fa bontsing jwa mapelonomi

a gagwe a lorato.

8Gonne a re:

“Ruri, ke batho ba me,

ke bana ba ba se ketlang

ba dira ka boferefere;”

jalo a nna mmoloki wa bone.

9Mo dipogisong tsotlhe tsa bone

le ene a bogisiwa,

moengele wa gagwe yo o emelang

ene, a ba boloka;

a ba rekolola ka lorato lwa gagwe,

le ka pelotlhomogi ya gagwe;

a ba belega,

a ba sikara ka malatsi otlhe

a bogologolo.

10Mme ba ne ba tsuolola

ba utlwisa mowa wa gagwe

o o boitshepo botlhoko;

ke gone o ne a fetoga

a nna mmaba wa bone,

ene ka esi a tlhabana nabo.

11Foo a gakologelwa

malatsi a bogologolo,

Moše, le batho ba gagwe, a re:

O kae yo o kileng a ba tlhatlosa

mo lewatleng a na le badisa

ba letsomane la gagwe?

O kae ene yo o ne a tsenya

mowa wa gagwe o o boitshepo

fa gare ga bone?

12 A tsamaisa letsogo la gagwe

le le galalelang ka fa ntlheng

ya letsogo le legolo la ga Moše?

A tsetsereganya metsi

fa pele ga bone,

go itirela leina le le sa khutleng?

13A ba goga, a ba ralatsa madiba a a

boteng jaaka pitse mo nageng fela,

ba tla ba se ka ba kgopiwa?

14Jaaka matlhape

a a fologelang mo mokgatšheng,

mowa wa ga Jehofa wa ba ikhutsisa;

o ne wa goga batho ba gago jalo

go itirela leina le le galalelang.

Thapelo ya kutlwelobotlhoko le thuso

15Okomela o le mo legodimong, mme o bone o le mo bonnong jwa gago jo bo boitshepo, le jwa kgalalelo ya gago; tlhoafalo ya gago e kae, le ditiro tsa gago tsa nonofo? Go tlhologelelwa ga mala a gago go ikgogonne, le one mapelotlhomogi a gago ka ga me.

16Gonne o rraetsho, le fa Aberahame a sa re itse, le Iseraele a sa re dumele; wena Jehofa o rraetsho: Morekolodi go tswa bosenangtshimologo ke leina la gago.

17Ana Jehofa o a bo o re faposetsang ditsela tsa gago, dipelo tsa rona o di thatafaletsang poifo ya gago? Bowa ka ntlha ya batlhanka ba gago, ditso tsa boswa jwa gago.

18Batho ba gago ba ba boitshepo ba ne ba bo rua ka lobakanyana fela; baganetsi ba rona ba gatakile felo ga gago ga boitshepo.

19Re fetogile re ntse jaaka batho ba o e seng o ke o ba laole gope; jaaka ba ba neng ba sa bidiwa ka leina la gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help