PESALEMA 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go digwa ga baikepi

1O emetseng kgakala, Jehofa?

O iphitlhelang mo metlheng ya

pitlagano?

2Mohumanegi o khukhelwa

ka tlhoafalo

ka boikgodiso jwa baikepi;

a ba tshwarwe ka ditogamaano

tse ba di logileng.

3Gonne moikepi o belafala

ka ga keletso ya pelo ya gagwe,

le yo o pelotshetlha o a itatola,

ee, o kgala Jehofa.

4Moikepi o bua ka boikgodiso

jwa sefatlhogo sa gagwe, a re:

“Ga o ketla o go lefetsa.”

Megopolo yotlhe ya gagwe

ke go re: “Ga go na Modimo ope.”

5Ditsela tsa gagwe ke mo go

tlhomameng ka metlha yotlhe;

dikatlholo tsa gago

di kwa godimodimo

kgakala le pono ya gagwe;

mme ka ga baba ba gagwe

botlhe, o ba budula fela.

6O ithaya mo pelong ya gagwe a re:

“Ga nketla ke tshikinyega;

ga nketla ke ba ke nna mo bothateng

bope mo tshikatshikeng.”

7 Legano la gagwe le tletse

khutsakanyo le tsietso le patiko;

kwa tlase ga loleme lwa gagwe

go na le bosenyi le boikepo.

8O a tle a dule

mo mafelong a talelo a metsana;

a bolaele ba ba se nang molato

mo mafelong a boiphitlho;

ba ba se nang boithuso

a ba gotolele matlho.

9O a tle a lalele mo setswatswaneng

jaaka tau mo selaong sa yone,

a lalele mohumanegi go mo tshwara;

o mo tshware ruri, ene mohumanegi,

mogang o mo gogang

ka lotloa lwa gagwe.

10O a tle a bobe, a iname,

mme ba ba se nang boithuso ba we

ka ba ba thata ba gagwe.

11O ithaya mo pelong ya gagwe a re:

“Modimo o lebetse;

o bipile sefatlhogo sa one;

ga o ketla o go bona gope.”

12Tloga o eme, Jehofa!

Modimo, tsholetsa letsogo la gago;

o se ka wa lebala bahumanegi.

13Ana moikepi o nyaletsang Modimo;

a ithaya mo pelong a re:

“Ga o ketla o go lefetsa”?

14O go bonye;

gonne o lebile bosenyi

le bopeloyatlhoi

go bo tsaya mo seatleng sa gago;

yo o se nang boithuso

o itesa mo go wena;

o ne o ntse o le mothusi wa masiela.

15Roba letsogo la moikepi;

motho yo o bosula ene, o no o

tlhotlhomise boikepo jwa gagwe,

o bo o tle o se ka

wa tlhola o bona bope.

16Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng

le ka bosaengkae;

baditšhaba ba nyeleletse ruri

mo lefatsheng la gagwe.

17Jehofa, o utlwile keletso

ya baikokobetsi;

o tlaa baakanya pelo tsa bone,

o tlaa tlhwaa tsebe ya gago go utlwa;

18go tla o atlhola masiela le bapatikwi,

gore motho yo e leng

wa lefatshe fela

a se ka a tlhola a boitshega gope.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help