TSHENOLO 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moengele le lokwalonyana lo lo menaganeng

1Ka bona moengele yo mongwe yo o thata, a fologa mo legodimong, a apere leru; mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe, sefatlhogo sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi, le maoto a gagwe a ntse jaaka dithogomosi tsa molelo;

2a bo a tshotse lokwalonyana ka seatla lo menolotswe; lonao lwa gagwe lo logolo a lo tlhoma mo lewatleng, le lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng;

3mme a goa ka lentswe le legolo, jaaka fa tau e duma; ya re a goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha dikodu tsa tsone.

4Mme ya re ditumo tse supa tsa maru di ntsha dikodu tsa tsone, ka bo ke re ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: “Kanela dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng, o se ka wa di kwala.”

5 Mme moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong.

6A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, yo o tlhodileng legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone, a re: “Lobaka ga lo ketla lo tlhola lo le gone;

7mme e tlaa re mo metlheng ya lentswe la moengele wa bosupa, fa a tlaa tloga a letsa, foo go bo go wediwa bosaitsiweng jwa Modimo, ka fa mafokong a a molemo a o a boleletseng baperofeti batlhanka ba one.”

8 Lentswe le ke le utlwileng le tswa legodimong, ka ba ka le utlwa gape le mpuisa le re: “Ya o tseye lokwalo lo lo menolotsweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”

9Mme ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nneye lokwalonyana loo. Mme a nthaya a re: “Lo tseye, o lo je o lo swetse; lo tlaa fetola mala a gago a nna bogalaka, mo ganong la gago lo tlaa nna monate jaaka dinotshe.”

10Mme ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja ka lo swetsa; mme mo ganong la me lwa bo lo le monate jaaka dinotshe; ya re ke sena go lo ja, mala a me a fetoga a nna bogalaka.

11Ba nthaya ba re: “O na le go ba o perofesa gape ka ga batho ba le bantsi le merafe, le dipuo, le dikgosi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help