ISAIA 43 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o solofetsa go rekolola batho ba one

1Mme jaanong,

go bua jaana Jehofa

yo o go tlhodileng,

wena Jakobe, ene yo o go bopileng,

wena Iseraele; a re:

“O se ka wa boifa,

gonne ke go rekolotse;

ke go biditse ka leina la gago,

o wa me.

2E tlaa re o ralala metsi

ke tlaa bo ke na nao;

le o ralala dinoka

ga di ketla di go penamela;

mogang o ralalang molelo,

ga o ketla o ša;

le kgabo ga e ketla e tuka

mo go wena.

3Gonne ke Jehofa Modimo wa gago,

Moitshepi wa Iseraele,

mmoloki wa gago;

ke ntshitse Egepeto

go nna serekololo sa gago,

ka ntsha Ethiopia le Seba

boemong jwa gago.

4E re ka o ntse o le seetlaetlana

mo matlhong a me,

o le tlotlego, mme ke go ratile,

ke gone ke tlaa ntshang batho

boemong jwa gago, le ditšhaba

boemong jwa botshelo jwa gago.

5O se ka wa boifa;

gonne ke na nao;

ke tlaa tlisa losika lwa gago

lo tswa kwa botlhabatsatsi,

ke go phutha

go tswa bophirimatsatsi.

6Ke tlaa raya Botsheka ke re:

‘Ntsha;’ ke raya Borwa ke re:

‘Se kganele;’

tlisang bomorwaake go tswa kgakala,

le bomorwadiake go tswa sekhutlong

sa lefatshe.

7E bong mongwe le mongwe

yo o bidiwang ka leina la me,

yo ke bileng ka mo tlholela

kgalalelo ya me;

nna ke mmopile;

ee, nna ke mo dirile.”

Iseraele ke mosupi wa ga Jehofa

8Ntshang ba ba difofu

tse di nang le matlho,

le ba ba bosusu

ba ba nang le ditsebe.

9A merafe yotlhe e phuthwe,

a ditšhaba di kokoanngwe;

e mang mo go bone

yo o ka bolelang golo mo,

a re supetsa dilo tsa pele?

A ba tlise basupi ba bone,

gore ba tle ba siamisiwe;

kgotsa a ba utlwe, mme a ba re:

“Ke boammaaruri.”

10“Lona lo basupi ba me,”

go bua Jehofa:

“o bile o motlhanka wa me

yo ke go itshenketseng;

gore lo tle lo itse,

lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye

fa ke le ene;

e rile pele ga me

ga bo go sa bopiwa modimo ope,

le gone ga go ketla go nna ope

morago ga me.

11Nna e leng nna, ke Jehofa,

mme kwa ntle ga me

ga go na mmoloki ope.

12Ke kakantse, ke bolokile,

ke supile, mme go ne go se na

modimo ope

wa seeng mo go lona:

ke gone lo leng basupi ba me,”

go bua Jehofa,

“mme ke nna Modimo.

13Ee, e sa le ka go nna motshegare

ke ntse ke le one;

mme ga go na ope

yo o ka gololang mo seatleng sa me;

ke tlaa nna ke dira fela,

mme e mang

yo o tlaa kgoreletsang?”

Jehofa o solofetsa go tshabisa morafe wa gagwe kwa Babilone

14Go bua jaana, Jehofa, morekolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele; a re:

“Ke romile kwa Babilone

ka ntlha ya lona,

mme ke tlaa ba folosa botlhe

fela jaaka bafaladi,

e bong Bakalatea

ba le mo dikepeng tsa bone

tse ba di itumelelang.

15Ke nna Jehofa Moitshepi wa lona,

Motlhodi wa Iseraele,

Kgosi ya lona.”

16Go bua Jehofa

yo o dirang mmila mo lewatleng,

le tsela mo metsing

a a bokete jo bo thata;

17yo o bolotsang kara ya tlhabano

le pitse, ntwa le nonofo;

ba lalaana mmogo,

ga ba ketla ba tsoga, ba figitlhegetse,

ba timile jaaka lodi:

18“Lo se ka lwa gakologelwa

dilo tsa pele,

le gone lo se ka lwa akanya

dilo tsa bogologolo.

19Bonang, ke tlaa dira sengwe se seša;

se tlaa runya jaana jaana;

a ga lo ketla lo se itse?

ke tlaa dira tsela fela mo nageng,

le dinoka mo sekakeng.

20Ditshedi tsa naga di tlaa ntlotla,

diphokoje le bontšhe;

gonne ke baya metsi mo nageng,

le dinoka mo sekakeng

go tla ke nosa batho ba me,

baitshenkedwi ba me:

21E bong batho ba ke ba ipopetseng,

gore ba tle ba ranole pako ya me.”

Sebe sa Iseraele

22“Le fa go ntse jalo ga o a mpitsa,

wena Jakobe;

mme o lapisitswe ke nna,

wena Iseraele.

23Ga o a nteretse dikwanyana

tsa ditshupelo tsa gago tsa phiso;

le gone ga o a ntlotla

ka ditlhabelo tsa gago.

Nna, ga ke a go kgwelea

ka ditshupelo,

le gone ga ke a go lapisa ka maswalo.

24Wena ga o a nthekela ntšhe ka madi,

le gone ga o a nnyamuka

ka mafura a ditlhabelo tsa gago:

o nkimedisitse ka maleo a gago,

o ntapisitse ka maikepo a gago.

25Ke nna, e leng nna,

yo ke phimolang ditlolo tsa gago

ka ntlha ya me;

le maleo a gago

ga nketla ke a gakologelwa.

26O tle o nkgakolole;

a re rapelane; ranola kgang ya gago,

gore o tle o siamisiwe.

27Rraago wa ntlha o ne a leofa,

le baphuthololedi ba gago ba tlodile

fa pele ga me.

28Ke gone ka moo

ke tlaa tlhapatsang dikgosana

tsa felo ga boitshepo,

ke tlaa dira Jakobe seneelelwa,

le Iseraele kgobo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help