PESALEMA 100 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa malebogoPesalema ya tebogo.

1Tshelelang Jehofa lošoa

la boitumelo,

lona mafatshe otlhe.

2Direlang Jehofa ka boipelo;

tlang fa pele ga sefatlhogo sa gagwe

ka go opela.

3Itseng fa Jehofa e le ene Modimo,

ke ene yo o re dirileng,

mme re ba gagwe;

re batho ba gagwe,

le dinku tsa bohulo jwa gagwe.

4Tsenang mo dikgorong tsa gagwe

ka go ntsha tebogo,

le mo malwapeng a gagwe ka pako;

mo ntshetseng malebogo,

mme lo bake leina la gagwe.

5 Gonne Jehofa o molemo;

boutlwelobotlhoko jwa gagwe

bo eme ka bosakhutleng;

le boikanngo jwa gagwe

mo ditshikatshikeng tsotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help