PESALEMA 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Baagi ba thabana ya Modimo e e boitshepoPesalema ya ga Dafite.

1Jehofa, e mang yo o tlaa

tlholatlholang

mo motlaaganeng wa gago?

E mang yo o tlaa agang

mo thabaneng ya gago e e boitshepo?

2Ke motho yo o tsamayang

ka thokgamo, a dira tshiamo,

a bile a bua boammaaruri

mo pelong ya gagwe.

3Yo o sa pateletseng

ka loleme lwa gagwe,

le fa e le go direla

tsala ya gagwe bosula,

le fa e le go amogela kgobo

ka ga wa ga gabo.

4Yo setlhobogwana se nyatsegang

mo matlhong a gagwe;

mme o tlotla bone

ba ba boifang Jehofa.

Yo e a reng a ikutlwisitse botlhoko

ka go ikana ga gagwe,

a se ke a fetoge.

5Yo o sa neeleleng madi a gagwe

gore a okediwe,

le fa e le go amogela tuelo

go tlhokofatsa yo o se nang molato.

Yo o dirang dilo tse

ga a ketla a tshikinyega gope.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help