LEFITIKO 6 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 Jehofa a bua le Moše a re:

2“Fa motho mongwe a leofa, a tlola taolo ya ga Jehofa, a tsietsa wa ga gabo ka ga sengwe se o se neetsweng, kgotsa sengwe se se golaganetsweng, kgotsa sengwe sa bogodu, kgotsa a patikile wa ga gabo,

3kgotsa a begile selo se se latlhegileng, a tsietsa ka ga sone, a ikana ka maaka, mo go sengwe sa dilo tse tsotlhe se motho o se dirileng, fa a leofa ka sone,

4foo go tlaa dirala gore e tlaa re fa a leofile, mme a le molato, a buse se o se tseileng ka bogodu, kgotsa se o se bonyeng ka patiko, kgotsa leneelo le o le neetsweng, kgotsa se se latlhegileng se o se begileng.

5Kgotsa e le sengwe fela se o ikanneng ka ga sone ka tsietso; a a se buse fela ka botlalo, mme a oketse ka kgaogano ya botlhano; a a se neye ene yo selo e leng sa gagwe, mo letsatsing le o fitlhetsweng a le molato ka lone.

6A a ise tshupelelo ya gagwe ya molato mo go Jehofa, e le phelefu e e se nang bogole e e tswang mo letsomaneng, ka fa o e beelang tlhwatlhwa ka gone, gore e nne tshupelelo ya molato, a e ise moperesiting.

7Moperesiti o tlaa mo direla tetlanyo fa pele ga Jehofa, mme o tlaa itshwarelwa, ka ga sengwe le sengwe se o ka se dirang, mme a nna molato ka ga sone.”

Melao e mengwe ya ditshupelo

8Jehofa a bua le Moš a re:

9“Laola Arone le bomorwawe o re: O ke one molao wa tshupelo e e fisiwang; tshupelo e e fisiwang e lale mo isong mo sebesong, go ya go fitlha mo mosong; molelo wa sebeso a o nne tuke fela mo go sone.

10A moperesiti a apare seaparo sa gagwe sa leloba a ba a tswese nama ya gagwe ka diputlela tsa leloba; a ole molora wa tshupelo e e fisiwang, e molelo o e jeleng mo sebesong, a o beye ka fa thoko ga sebeso.

11A a apole diaparo tsa gagwe, a apare diaparo di sele, a ise molora kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa gontle.

12Molelo o o mo sebesong o nne o tukisiwe fela mo go sone, a o se time; moperesiti a nne a tsenye dikgong mo go one ka mesomeso, le gone a rulaganye tshupelo e e fisiwang mo go sone, a ba a fisetse mafura a ditshupelo tsa kagiso mo godimo ga sone.

13A molelo o nne o tukisiwe mo sebesong ka metlha yotlhe; a o se time gope.

Ditshupelo tsa boupe

14“O ke one molao wa tshupelo ya boupe: a bomorwa Arone ba e ise fa pele ga Jehofa, fa pele ga sebeso.

15Moperesiti a tabole ka legofi ga setou sa tshupelo ya boupe le ga lookwane lwa sone, le lebano lotlhe le le mo tshupelong ya boupe, mme a a di fisetse mo sebesong, e le monko o o monate mo go Jehofa, e le morafolo wa yone.

16Se se setseng sa sone Arone le bomorwawe ba tlaa se ja, a se jewe se sa bedisiwa, mo felong gongwe ga boitshepo, ba se jele mo lolwapeng lwa mogope wa bophuthegelo.

17A se se besiwe se tsentswe sebediso. Ke se ba neile, e le kabelo ya bone ya ditshupelo tsa me tse di dirwang ka molelo; se boitshepo jo bo itshepileng, e le tshupelelo ya boleo le tshupelelo ya molato.

18Senna sengwe le sengwe mo baneng ba ga Arone se ka se ja, e le tshiamelo ya bone, go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona, e tswa mo ditshupelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo; le fa e le mang yo o di amang o tlaa nna boitshepo.”

19Jehofa a bua le Moše a re:

20“Se ke sone seromololo sa ga Arone le sa bomorwawe, se ba tlaa se isetsang Jehofa ka letsatsi le o tlodiwang ka lone; kgaogano ya bosome ya emere ya setou, e le tshupelo ya boupe ya metlha yotlhe, bontlhanngwe jwa sone mo mosong le bontlhanngwe jwa sone maitseboa.

21A se dirwe mo pitsaneng e e besetsang se na le lookwane; fa se sena go kolobediwa, o se ise mo teng; tshupelo ya dijo o e ise e le dikabetla tse di besitsweng, e le monko o o monate mo go Jehofa.

22Moperesiti yo o tloditsweng wa bomorwa Arone, yo o tlaa bong a le mo boemong jwa gagwe, a se ise; se fisediwe Jehofa sotlhe fela, ke molao ka bosakhutleng.

23Tshupelo nngwe le nngwe ya boupe ya moperesiti, e fisiwe yotlhe fela, a e se jewe.”

Ditshupelo tsa boleo

24Jehofa a bua le Moše, a re:

25“Bua le Arone le bomorwawe o re: O ke molao wa tshupelelo ya boleo, mo felong fa tshupelo e e fisiwang e tlhabelwang teng, tshupelelo ya boleo le yone e tlhabelwe gone, fa pele ga Jehofa; e boitshepo jo bo itshepileng.

26Moperesiti yo o e isetsang boleo a a e je; e jelwe mo felong gongwe ga boitshepo mo lolwapeng lwa mogope wa bophuthegelo.

27Le fa e le mang yo o tlaa amang nama ya yone, o tlaa nna boitshepo; fa go tsapogetse madi a yone mo seaparong sengwe, se madi a se tsapogetseng, o se tlhatswe mo felong gongwe ga boitshepo.

28Pitsa ya letsopa e tshupelo e apeilweng ka yone a e thujwe; fa e apeilwe ka pitsa ya kgotlho a e gotlhwe, e be e tsokodiwe ka metsi.

29Senna sengwe le sengwe mo baperesiting se ka ja ga yone, e boitshepo jo bo itshepileng.

30Tshupelelo ya boleo, e madi mangwe a yone a isiwang mo mogopeng wa bophuthegelo, a ya go dira tetlanyo mo felong ga boitshepo, a go se jewe epe, e fisiwe ka molelo fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help