GENESISE 30 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1E rile Ragele a bona fa a sa bone bana le Jakobe, Ragele a hufegela mogolowe; a raya Jakobe a re: “Nnaya bana; fa go sa nne jalo nkaa swa.”

2Bogale jwa ga Jakobe jwa tukela Ragele a re: “A ke mo boemong jwa Modimo o o go timileng loungo lwa sebopelo?”

3A re: “Bona Bileha, lelata la me ke yo, tsena kwa go ene, mme o tlaa khubama a le mo mangoleng a me, gore ke tle ke bone bana ka ene.”

4A mo naya Bileha lelata la gagwe go nna mosadi; Jakobe a tsena kwa go ene.

5Bileha a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane le Jakobe.

6Ragele a re: “Modimo o nkatlholetse o bile o utlwile lentswe la me, o nneile ngwana wa mosimane;” ke gone ka moo a mo raya leina a re, Dane.

7Bileha lelata la ga Ragele a nna moimana gape, a bona ngwana wa mosimane wa bobedi le Jakobe.

8Ragele a re: “Ke sokasokanye le mogolole ka tshokatshokano tse dikgolo, mme ke fentse:” A raya ngwana leina a re, Nafetali.

9E rile Lea a bona fa a khutlile go bona bana, a tsaya Silepa lelata la gagwe a mo naya Jakobe go nna mosadi wa gagwe.

10Silepa lelata la ga Lea a bona ngwana wa mosimane le Jakobe.

11Lea a re: “A lesego!” A mo raya leina a re, Gate.

12Silepa lelata la ga Lea a bona ngwana wa mosimane wa bobedi le Jakobe.

13Lea a re: “A bo ke le sego! gonne bana ba basetsana ba tlaa nthaya ba re, Ke sego!” A raya ngwana leina a re, Ašere.

14E rile ka lobaka lwa thobo ya mabele Rubene a ya a bona ditholwana tsa meithatiso mo nageng, mme a di isa kwa go Lea mmaagwe. Foo Ragele a raya Lea a re: “Ke a go rapela, mpha ditholwana tsa ga morwao tsa meithatiso.”

15A mo raya a re: “A ke selo se sennyennye fa o ntseetse monna wa me? Jaanong o rata go tsaya le tsone ditholwana tsa ga morwaake?” Ragele a re: “Jakobe o tlaa lala nao bosigo jono, fa o nnaya ditholwana tsa meithatiso tsa ga morwao.”

16Jakobe a tswa kwa nageng go le maitseboa. Lea a tswa a ya go mo kgatlhantsha a re: “O na le go tsena kwa go nna, gonne ruri ke go thapile ka tuelo ya ditholwana tsa ga morwaake tsa meithatiso.” Mme a lala nae bosigo joo.

17Modimo wa reetsa Lea, a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane wa botlhano le Jakobe.

18Lea a re: “Modimo o nneile tuelo ya me; ka gobo ke neile monna wa me lelata la me;” a raya ngwana leina a re, Isakare.

19Lea a nna moimana gape a bona ngwana wa mosimane wa borataro le Jakobe.

20Lea a re: “Modimo o nketleeditse ka ketleetso e e molemo; jaanong monna wa me o tlaa aga le nna ka gobo ke bonye bana ba basimane ba le barataro nae;” a raya ngwana leina a re, Sebulone.

21Morago a bona ngwana wa mosetsana, a mo raya leina a re, Dina.

22Modimo wa gakologelwa Ragele, Modimo wa mo reetsa wa bula sebopelo sa gagwe.

23A nna moimana, a bona ngwana wa mosimane, a re: “Modimo o ntlositse kgobo.”

24A mo raya leina a re, Josefe, a re: “A Jehofa a nkokeletse ka mosimane yo mongwe.”

Tumalano ya dituelo ya ga Jakobe le Labane

25Ga dirala e rile Ragele a sena go bona Josefe, Jakobe a raya Labane a re: “Nnaya tsela gore ke ye kwa gaetsho le kwa lefatsheng la gaetsho.

26Nthebolela basadi ba me le bana ba me ba ke ba go diretseng, ka ntlha ya bone, o mme ke tsamaye, gonne o itse tirelo ya me e ke go diretseng ka yone.”

27Labane a mo raya a re: “E re ka jaana ke bonye tsalano mo matlhong a gago, nama o sa ntse; gonne ke lemogile fa Jehofa a ntshegofaditse ka ntlha ya gago.”

28A re: “Ntlhaloganyetsa maduo a gago mme ke tlaa a go naya.”

29A mo raya a re: “O a itse ka fa ke go diretseng ka gone, le ka fa dikgomo tsa gago di ntseng tsa nna tsa tshela ka gone ke na natso.

30Gonne se e rileng ke tla wa bo o na naso se ne se le sebotlana, mme se kokotlegetse se ntse sentsintsi. Jehofa o go segofaditse gongwe le gongwe kwa ke ntseng ka menoga gone; jaana ntlo ya me le yone ke tlaa e batlela leng?”

31A re: “Ke tlaa go naya eng?” Jakobe a re: “Se nneye sepe. E tlaa re fa o ntirela selo se jaana: ke tlaa ba ke hudisa letsomane la gago ke le disa.

32Ke tlaa ralala letsomane lotlhe la gago gompieno ke tlosa tse di mmala o maragaraga le o o dibata, le tse dipirwana mo dinkung, le tse di mmala o dibata le o maragaraga mo dipoding; tse di ntseng jalo e tlaa nna tuelo ya me.

33Jalo tshiamo ya me e tlaa mphetolela mo motlheng o o tlang, fa o tla go bua ka ga tuelo ya me e le fa pele ga gago. Nngwe le nngwe e e seng mmala o dibata le fa e le o maragaraga mo dipoding, le e e seng pirwana mo dinkung, fa e bonwa mo go nna e tlaa kaiwa e utswilwe.”

34Labane a re: “Bona ke rata gore go nne ka fa lefokong la gago.”

35Ka tsatsi leo Labane a tlhaola diphoko tse dingolo, le tse di dibata le dipodi tse dinamagadi tsotlhe tse di mmala o maragaraga, le o o dibata, nngwe le nngwe e e nang le bosweu mo go tsone, le tse dipirwa tsotlhe mo dinkung, a di tsenya mo diatleng tsa bomorwawe.

36A baya sebaka sa loeto lwa malatsi a le mararo fa gare ga gagwe le Jakobe. Mme Jakobe a hudisa matsomane a a setseng a ga Labane.

37Jakobe a tsaya dithupa tse dinana tsa mopopelara le tsa thamane le tsa morolwane; a di khumolotsa methaladi, a bonatsa bosweu jo bo mo dithupeng.

38A tlhoma dithupa tse a di khumoloditseng go lebagana le matsomane mo meelong ya metsi, mo mekorong e matsomane a nwelang mo go yone; mme ya re a tsile go nwa a emere.

39Matsomane a emera fa pele ga dithupa, matsomane a tsala bongolwana le mmala o o maragaraga le o o dibata.

40Jakobe a tlhaola dikwanyana, a lebisa matsomane kwa go tse di mmala o mongolo le kwa go tse dipirwana tsotlhe mo letsomaneng la ga Labane. A beela matsomane a gagwe kwa thoko, a se ka a a tlhakanya le letsomane la ga Labane.

41E ne e tle e re go emera tse di nonofileng bogolo go tse dingwe mo letsomaneng, Jakobe a beye dithupa fa pele ga matlho a matsomane mo meelong ya metsi, gore di tle di emere fa dithupeng.

42E ne e tle e re fa letsomane le sa nonofa sentle a se ke a di beele dithupa; jalo tse di sa nonofang sentle e bo e le tsa ga Labane, mme tse di nonifileng e nne tsa ga Jakobe.

43Monna yo a huma mo go golo thata, a ba a nna le matsomane a magolo, le malata, le batlhanka, le dikamela, le diesela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help