PESALEMA 150 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Galaletsang Jehofa

1Bakang Jehofa.

Lo bakeng Modimo

mo felong ga one ga boitshepo,

o bakeng mo phuthologong

ya thata ya one.

2O bakeleng ditiro tsa one

tsa bonatla;

o bakeng ka fa bogolong jwa one

jo bo gaisang.

3O bakeng ka tumo ya lonaka;

o bakeng ka saletare le harepe.

4O bakeng ka moropana

le ka go bina;

o bakeng ka diletso tse di megala

le ka ditlhaka.

5O bakeng ka disemebala

tse di tumo kgolo;

o bakeng ka disemebala

tse di dumang ka lentswe

le le kwa godimo.

6A dilo tsotlhe fela

tse di nang le mowa

di bake Jehofa. Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help