MATHAIO 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thero ya kwa Thabeng

1Jesu e rile ka a bone matshutitshuti a batho, a tlhatlogela mo thabeng; ya re a sena go dula fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene,

2mme a tswa molomo, a ba ruta a re:

Masego(Luke 6:20-23)

3“Go sego ba ba humanegileng

mo moweng;

gonne bogosi jwa legodimo

ke jwa bone.

4 Go sego ba ba lelang;

gonne ba tlaa gomodiwa.

5 Go sego ba ba pelonomi;

gonne ba tlaa rua lefatshe.

6 Go sego ba ba bolawang ke tlala

le lenyora ka ntlha ya tshiamo;

gonne ba tlaa kgorisiwa.

7Go sego ba ba kutlwelobotlhoko;

gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.

8 Go sego ba ba pelo di itshekileng;

gonne ba tlaa bona Modimo.

9Go sego ba ba letlanyang;

gonne ba tlaa bidiwa

bomorwa Modimo.

10 Go sego ba ba bogiseditsweng

tshiamo;

gonne bogosi jwa legodimo

ke jwa bone.

11 “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me.

12 Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.

Letswai le lesedi(Mar 9:50; Luke 14:34-35)

13 “Ke lona letswai la lefatshe; mme fa letswai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le gope, fa e se go latlhelwa kwa ntle, le go gatakwa ke batho fela.

14 “Ke lona lesedi la lefatshe. Motse o o beilweng mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega.

15 Le gone batho ga ba ke ba tshuba lobone go tla ba lo huhumetsa tlase ga seelo, mme ba lo tlhoma mo setlhomong fela; lo phatsimele botlhe ba ba mo ntlong.

16 Fela jalo, a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.

Thuto ya ga Jesu ka ga molao

17“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela.

18 Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele.

19Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo.

20Gonne ke lo raye ke re, fa tshiamo ya lona e sa gaise tshiamo ya bakwadi le ya Bafarisai, ga lo ketla lo tsena gope mo bogosing jwa legodimo.

Thuto ya ga Jesu ka ga kgopisego(Luke 12:57-59)

21 “Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’

22mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.

23Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao,

24tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.

25“O akofe o dumalane le moganetsi wa gago o sa ntse o na nae mo tseleng; e se re kgotsa moganetsi a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme wa latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo.

26Ammaaruri ke go raya ke re: Ga o ketla o tswa teng gope o ise o lefe ledinyana la bofelo pele.

Thuto ya ga Jesu ka ga boaka

27 “Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’

28Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.

29 Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.

30 Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.

Thuto ya ga Jesu ka ga tlhalo(Math 19:9; Mar 10:11-12; Luke 16:18)

31 “Le gone go ne go tulwe: ‘Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a mo neye lokwalo lwa go mo tlhala.’

32 Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.

Thuto ya ga Jesu ka ga maikano

33 “Gape lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa ikana ka go aka, mme o tlhomamisetse Morena go ikana ga gago;’

34 mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le setulo sa Modimo sa bogosi;

35 le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa one sa dinao; le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa Kgosi e kgolo.

36Le gone o se ka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka o sa ka ke wa dira thiri e le nngwe fela go nna tshweu kgotsa ntsho.

37Go bua ga lona fa e le ‘Ee’, e nne ‘Ee’; fa e le ‘Nnyaa’, e nne ‘Nnyaa’; gonne se se fetang mo, se tswa mo bosuleng.

Thuto ya ga Jesu ka ga go ipusolosetsa(Luke 6:29-30)

38 “Lo utlwile fa go tulwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho, le leino ke leino.’

39Nna ke lo raya ke re: Se ganeleng le motho yo o bosula; mme yo o go fapholang ka fa lesameng le legolo, mo neele le le lengwe.

40Fa motho mongwe a rata a ka bo a go isa tshekong, mme a go tseela morepo, o mme a tseye kobo ya gago le yone.

41Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi.

42Naya ene yo o go lopang, le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo fularela fela.

Ratang baba ba lona(Luke 6:27-28,32-36)

43 “Lo utlwile fa go tulwe: Rata wa gaeno, mme o ile mmaba wa gago;

44mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang;

45gore lo nne bana ba Rraeno yo o kwa legodimong; gonne ene o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula.

46Fa e le fano lo rata ba ba lo ratang, e bo e le gore lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo?

47Le gone fa lo dumedisa bagalona ba le bosi, e bo e le gore lo dirang bogolo go ba bangwe? Baditšhaba le bone a ga ba dire jalo?

48 Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help