JOBE 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Foo Jobe a fetola a re:

2“Lo tlaa nna lo tshwenya

mowa wa me,

lo nthubaganya ka mafoko

ka lobaka lo lo kae?

3Jaanong lo nkgobile ga some;

ga lo tlhajwe ke ditlhong

fa lo ntirela ka bopeloethata.

4Fa go ntse jalo, e re fa ke timetse,

timelo ya me e be e setse

e na le nna ka nosi.

5Fa ruri lo rata go inkgodiseletsa,

le go nkgagamaletsa sekgobo sa me,

6itseng jaanong fa Modimo

o nthibegeditse mo mafokong a me,

mme o ntsentse gare

ka lotloa lwa one.

7Bonang, ke lela ke le mo patikegong,

mme ga ke utluwe;

ke lelela thuso,

mme ga go na tshiamiso.

8O thibile tsela ya me ka logora,

ga ke na ka fa ke ka fetang ka gone,

o beile lefifi mo ditselaneng tsa me.

9O nkapotse kgalalelo ya me,

o nthotse serwalo mo tlhogong.

10O nthutlolotse ka ntlha tsotlhe,

mme ke ile; tsholofelo ya me

o e khumotse jaaka setlhare.

11O bile o ntukiseditse

bogale jwa one,

o nkaya go re ke mongwe

wa baganetsi ba one.

12Mephato ya one e tla e le mmogo,

e nkoeletsa tsela ya yone,

e thibelela tikologong

ya mogope wa me.

13“O ntomologanyeditse kgakala

le bana ba ga rre,

ba ke itsanyeng nabo

ba nnkgeletse ruri.

14Ba losika lwa me ba tlhaetse,

le ditsala tsa me tse ke

tlwaelanyeng natso di ntebetse.

15Ba ke agileng nabo mo ntlong,

le malata a me,

ba nkaya go re ke moeng fela;

ke motho o sele fela

mo ponong ya bone.

16Ke bitse motlhanka wa me,

a se ke a nkarabe,

le fa ke mo rapela

ka molomo wa me.

17Mowa wa legano la me

o nkgetse mosadi wa me,

le mokokotlelo wa me o nkgetse

bana ba sebopelo sa ga mme.

18Le ba e leng banyana ba bannye

ba nnyatsa;

fa ke nanoga, ba bue ba ntshotle.

19Ditsala tsotlhe tsa me tsa mmaanete

ke di ferosa sebete fela,

le baratwa ba me ba mphetogetse.

20Lesapo la me

le ngaparetse letlalo le nama ya me,

ke falotse ka nama ya marinini fela.

21Ntlhomogelang pelo!

ntlhomogelang pelo!

ditsala tsa me we;

gonne seatla sa Modimo se nkamile.

22Ana lo mpogisetsang jaaka Modimo,

lo sa kgora nama ya me?

23“A bo mafoko a me

a ka bo a kwadilwe jaana!

A ka bo ne ne a ralegilwe

mo lokwalong!

24A bo a ka bo a setilwe

ka segabo sa tshipi le ka lotwe

mo lefikeng ka bosakhutleng!

25Nna ke a itse fa morekolodi wa me

a tshedile,

le go re o tlaa re kwa bofelong

a eme ka dinao mo lefatsheng.

26E tlaa re morago letlalo la me

le sena go senngwa jaana,

ke tlaa bona Modimo

ke le mo nameng ya me;

27o ke tlaa o iponelang ka nosi,

matlho a me a tlaa o leba,

e seng a o sele.

Diphilo tsa me

di fediwa mo teng ga me.

28Fa lo ithaya lo re:

‘A bo re tlaa mmogisa!’

E re ka modi wa mmaanete

o fitlhetswe mo go nna;

29lo boife tšhaka,

gonne bogale jo bo botšarara

bo lere dipetso tsa tšhaka,

gore lo tle lo itse

fa go na le tshiamiso.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help