JEREMIA 22 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Molaetsa wa ga Jeremia kwa ntlong ya bogosi ya Juta

1Jehofa o bua jaana, a re: “Ya kwa ntlong ya kgosi ya Juta, mme o bue teng lefoko le, o re:

2‘Utlwa lefoko la ga Jehofa, wena kgosi ya Juta, yo o dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, wena, le batlhanka ba gago, le batho ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse.

3Jehofa o bua jaana, a re: Dirafatsang tshiamiso le tshiamo, lo golole ba ba thopilweng mo seatleng sa mopatiki; se direng tshiamololo epe, se senyetseng moeng, le fa e le lesiela, le fa e le mosadi wa motlholagadi, le gone se tshololeleng madi a a se nang molato mo felong fa.

4Gonne fa ruri lo dira selo se, foo go tlaa tsena ka dikgoro tsa ntlo e, dikgosi tse di dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, di palame mo dikareng, le mo dipitseng, yone le batlhanka ba yone le batho ba yone.

5 Mme fa lo gana go utlwa mafoko a, ke ikana ka nna ka nosi, go bua Jehofa, ka re: Ntlo e e tlaa nna tshwafalo fela.’ ”

6Gonne Jehofa o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta, a re: “O Gileate mo go nna, le tlhogo ya Lebanone; le fa go ntse jalo ruri ke tlaa go ntsha naga fela, le metse e e sa nnweng.

7Ke tlaa go baakanyetsa basenyi, mongwe le mongwe a na le dibolao tsa gagwe; mme ba tlaa rema masetara a gago a a tlhophegileng, ba a latlhela mo molelong.

8“Merafe e le mentsi e tlaa feta ka motse o, mongwe le mongwe o tlaa raya yo o bapileng nae, a re: ‘Ana Jehofa o diretse motse o mogolo o jaana ka ntlha yang?’

9Foo ba tlaa fetola, ba re: ‘Ke ka gonne ba latlhile kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ”

Molaetsa wa ga Jeremia kwa go Joase

10Se seleleng moswi,

le fa e le go mo thukhuthela tlhogo;

mme yo o tsamaelang koo

lo mo lelele thata;

ka a se ketla a tlhola a boa,

le fa e le go bona

lefatshe la ga gabo.

11 Gonne Jehofa o bua jaana ka ga Shalume morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busitseng mo boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o ne a tswa mo felong fa: “Ga a ketla a tlhola a boela teng gope.

12Mo felong kwa ba mo isitseng a le setshwarwa teng, o tlaa swela teng, mme ga a ketla a tlhola a bona lefatshe le gope.”

Molaetsa wa ga Jeremia o o amanang le Jehoiakime

13A bo go latlhega motho

yo o agang ntlo ya gagwe

ka tshiamololo,

le matlwana a gagwe ka patiko,

yo o dirisang wa ga gabo

ka go mo tlhokisa maduo,

a sa mo neye tuelo ya

tiro ya gagwe;

14yo o reng:

“Ke tlaa ikagela ntlo e e atlhameng,

le matlwana a kgatshimolo,”

mme a iphunyetse diipone;

e khurumediwe kwa godimo

ka masetara,

e be e tshasiwe bohibidu

jo bontle.

15A o tlaa busa

ka go bo o leka thata go gaisa

ba bangwe ka masetara?

A rraago o ne a se ka a ja, a nwa,

a ba a dira katlholo le tshiamiso,

foo ga nna molemo mo go ene?

16O ne a atlhola mafoko a bahumanegi

le batlhoki; foo ga nna molemo.

A e ne e se gone go nkitse?

Go bua Jehofa.

17Matlho a gago ga a ope,

le pelo ya gago ga e gope,

fa e se mo papading e e sa siamang,

le mo go tshololeng madi a a se

nang molato, le mo patikong,

le mo go thubakeng, go go dira.

18 Ke gone ka moo Jehofa o bua jaana ka ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta, a re: “Ga ba ketla ba mo hutsafalela, ba re:

“ ‘Jo we, ngwana a rre!’

Kgotsa: ‘Jo we, kgaitsadiake!’

Ga ba ketla ba mo hutsafalela, ba re:

‘Jo we, morena!’ Kgotsa: ‘Jo we,

kgalalelo ya gagwe!’

19O tlaa fitlhwa wa phitlho ya esela,

a gogwa

a ya go latlhelwa kwa ntle

ga dikgoro tsa Jerusalema.”

Molaetsa wa ga Jeremia ka ga bofelelong jwa Jerusalema

20“Tlhatlogela kwa Lebanone,

o tlhomeletse; o tsholeletse

lentswe la gago mo Bašane;

o tlhomeletse o le mo Abarime;

gonne dinyatsi tsotlhe tsa gago

di sentswe.

21Ka bua nao mo motlheng

wa go segofala ga gago;

mme wa re: ‘Ga nketla ke utlwa.’

E ne e ntse e le one mokgwa

wa gago

e sa le mo borobeng jwa gago,

go re, ga o ko o utlwa lentswe la me.

22Phefo e tlaa ja badisa botlhe

ba gago, dinyatsi tsa gago

di tlaa ya botshwarong;

ruri ka lobaka loo o tlaa bo o

tlhajwa ke ditlhong,

o sosobagana

ka ntlha ya boikepo jotlhe jwa gago.

23Wena monni wa Lebonone,

yo o agang setlahaga sa gago

mo masetareng,

ana o tlaa bo o tlhomola pelo jang

mogang o go inganga go tlang mo go

wena,

e bong botlhoko jaaka jwa mosadi

yo o mo pelegong.”

Katlholo ya Morena mo go Jehoiakime

24 “Jaaka ke tshedile,” go bua Jehofa, “le fa Konia morwa Jehoiakime kgosi ya Juta, e ka bo e le sekanelo mo atleng sa me se segolo, le fa go ntse jalo ke ne ke tlaa go somola gone fela;

25ke tlaa go tsenya mo seatleng sa ba ba batlang botshelo jwa gago, le mo seatleng sa ba o ba boifang, e bong mo seatleng sa ga Nebukateresare kgosi ya Babilone, le mo seatleng sa Bakalatea.

26Ke tlaa go latlhela kwa ntle, le mmaago yo o go belegeng, kwa lefatsheng le sele, kwa lo sa tsalelwang teng; mme lo tlaa swela teng.

27Kwa lefatsheng le mowa wa bone o tlhologeletsweng go boela kwa go lone, ga ba ketla ba boela teng.”

28Monna yo Konia, a o pitsana e e thubegileng e e nyatsegang? A o pitsana e e sa kgatlheng gope? Ke ka ntlha yang fa ba latlhelwa kwa ntle, ene le losika lwa gagwe, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng?

29Wena lefatshe, lefatshe, lefatshe!

Utlwa lefoko la ga Jehofa.

30Jehofa o bua jaana, a re:

“Kwalang monna yo,

go re ga a na ngwana,

e le monna yo o se ketlang

a tlhogonolofala

mo metlheng ya gagwe;

gonne ga go na ope

wa losika lwa gagwe

yo o tlaa tlhogonolofalang,

a dula mo setulong sa ga Dafite

sa bogosi,

mme a tlhola a busa gope mo Juta.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help