DUTERONOME 22 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 “O se ka wa re o bona kgomo ya wa gaeno, kgotsa nku ya gagwe e timela wa di itshosobegela, ruri, o di busetse kwa go wa gaeno.

2Fa wa gaeno a se gaufi nao, kgotsa fa o sa mo itse, foo o e ise kwa ga gago, e nne nao go tsamaya wa gaeno a tla go e batla, mme o e mo rebolele.

3O dire jalo le ka esela ya gagwe, o dire jalo le ka seaparo sa gagwe, o dire jalo ka sengwe le sengwe se se latlhegileng sa wa gaeno, se se mo latlhegetseng mme wa se bega; ga o kake wa di itshosobegela.

4“O se ka wa re o bona esela, le fa e le kgomo ya wa gaeno e ole mo tseleng, wa di itshosobegela; ruri o mo thuse go ba a di tsosa gape.

5“Mosadi a a se apare senna, le monna a se apare sesadi; gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o moila mo go Jehofa Modimo wa gago.

6“Fa o tshogana ka setlhaga sa nonyane se le fa pele ga gago mo tseleng, mo setlhareng sengwe kgotsa fa fatshe, se na le mamphorwana kgotsa mae, mmaa one a elame mo mamphorwaneng kgotsa mo maeng, o se ka wa tsaya mamphorwana le mmaao.

7Le gale o lese mmaao a tsamaye, mme o ka itseela mamphorwana; gore go tle go nne sentle nao, le gore o lelefatse malatsi a gago.

8“E re fa o aga ntlo e ntšha, foo o thekeletse bopapetla jwa yone kwa godimo go kganela, gore o tle o se ka wa leretse ntlo ya gago madi fa motho mongwe a wa mo go yone.

9 “O se ka wa jala dipeopeo mo tshimong ya gago ya mafine; loungo lotlhe lo ka tla lwa latlhega, e bong peo e o e jadileng le totafalo ya tshimo ya mafine.

10“O se ka wa lema ka kgomo e pataganye le esela.

11“O se ka wa apara letsela le le tlhakantseng bobowa le leloba mmogo.

12 “O itirele makantsa mo dintlheng tsoo nne tsa seaparo sa gago se o ipipang ka sone.

Melao e e amanang le boitshwaro jwa banna le basadi

13“Fa monna mongwe a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, mme a mo ila,

14a mmaya molato wa dilo tse di tlhabisang ditlhong, a mo tsosetsa leina le le bosula, a re: ‘Ka tsaya mosadi yo, ke rile ke mo atamela ka se ka ka fitlhela mo go ene ditshupo tsa bokgarebane;’

15foo rra mosetsana le mmaagwe a ba ise ditshupo tsa bokgaresbane jwa mosetsana kwa bagolwaneng ba motse kwa kgotleng ya motse.

16Rra mosetsana a reye bagolwane a re: ‘Morwadiake ke mo neile monna yo go nna mosadi, jaanong o a mo ila.

17Bonang o mmeile molato wa dilo tsa botlhabisa ditlhong, a re: Ga ke a ka ka fitlhela ditshupo tsa bokgarebana mo go morwadio; le fa go ntse jalo ditshupo tsa bokgarebane jwa morwadiake ke tse.’ Ba phutholole seaparo fa pele ga bagolwane ba motse.

18Bagolwane ba motse oo ba tseye monna ba mmetse;

19ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di neye rra mosetsana, ka a tsoseditse kgarebane nngwe ya Iseraele leina le le bosula, mme a a nne mosadi wa gagwe fela; ga a kake a mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

20“Mme e re fa selo se e le boammaaruri, gore ditshupo tsa bokgarebane ga di a ka tsa fitlhelwa mo mosetsaneng,

21foo ba ntshetse mosetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje, a swe, ka a dirile bosilo mo Iseraele, a dirile boaka mo ntlong ya ga rraagwe. Jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.

22“Fa monna a fitlhelwea a lala le mosadi yo o nyetsweng ke monna yo mongwe, foo ba swe boo babedi, monna yo o letseng le mosadi, le ene mosadi; jalo o tlaa bo o tlosa busola mo go Iseraele.

23“Fa go le mosetsana yo o leng kgarebane, a beeletswe ke monna, mme monna mongwe a mo fitlhela mo motseng, mme a lala nae;

24foo lo ba ntshetse kwa kgotleng ya motse boo babedi, lo ba kgobotletse ka maje ba swe; mosetsana, ka a se ka a kua, a le mo motseng; le monna, ka a sentse mosadi wa monna wa ga gabo, jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.

25“Mme fa monna a fitlhela mosetsana kwa nageng e le yo o beeletsweng, mme monna a mmetelela ka thata, a lala nae, foo monna yo o letseng nae a swe a le esi.

26Mme mosetsana o se ka wa mo dire sepe; mo go mosetsana ga go na boleo jo bo tshwanetsweng loso; gonne jaaka monna a tsogologela wa ga gabo a mmolaya, le yone tiro eo e ntse jalo;

27gonne o ne a mo fitlhela kwa nageng, mosetsana yo o beeletsweng o ne a kua, mme go ne go se na ope yo o ka mo gololang.

28 “Fa monna a fitlhela mosetsana yo o leng kagarebane, yo o sa beelelwang, mme a mo tshwara, a lala nae, mme ba bonwa,

29foo monna yo o letseng nae, a a neye rra mosetsana dipapetla di le 50 tsa selefera, mme a nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kake a mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

30 “Monna a a se nyale mogatsa rraagwe, le gone a a se bopolole lotheka lwa ga rraagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help