1 DITIRAFALO 16 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ba gorosa letlole la kgolagano ya Modimo, ba le baya mo gare ga mogope o Dafite o o le tlhometseng; ba isa ditshupelo tse di fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso fa pele ga Modimo.

2E rile Dafite a sena go wetsa go isa tshupelo e e fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso, a segofatsa batho ka leina la ga Jehofa.

3A abela mongwe le mongwe wa Baiseraele, monna le mosadi, mongwe le mongwe kgolokwe ya senkgwe, le sebeka sa nama, le mongoloi wa ditshwabi tsa mefine.

4A tlhoma bangwe ba Balefi, gore ba direle fa pele ga letlole la ga Jehofa, le go tumisa, le go leboga, le go baka Jehofa Modimo wa Iseraele.

5Asafe e le yo mogolo, wa bobedi mo go ene e le Sekaria, Jeiele, le Shemi-ramothe, le Jehiele, le Matithia, le Eliabe, le Benaia, le Obete-etome le Jeiele, ba na le disaletere le diharepe; mme Asafe a tsosa modumo o mogolo ka disemebala;

6Benaia le Jahasiele ba baperesiti ba letsa dinaka ka metlha yotlhe fa pele ga letlole la kgolagano ya Modimo.

7Ke gone ka tsatsi leo Dafite a simolola sa ntlha go laola gore go bakwe Jehofa ka Asafe le bana ba ga rraagwe. A re:

Pesalema ya malebogo(Pes 105:1-15; 96:1-13; 106:1,47-48)

8“A ko lo ntshetseng Jehofa

malebogo,

bitsang leina la gagwe

madiro a gagwe lo a itsefatse

mo ditšhabeng.

9Mo opeleleng,

mo opeleleng dipako,

buang ka ga ditiro tsotlhe tsa gagwe

tse di gakgamatsang.

10Kgantshang ka leina la gagwe

le le itshepileng;

a dipelo tsa bone

ba ba batlang Jehofa di itumele.

11Batlang Jehofa le thata ya gagwe;

batlang sefatlhogo sa gagwe

ka bosakhutleng.

12Gakologelwang ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang,

tse o di dirileng;

dikgakgamatso tsa gagwe,

le dikatlholo tsa molomo wa gagwe;

13lona losika lwa ga Iseraele

motlhanka wa gagwe,

lona bana ba ga Jakoba,

baitshenkedwi ba gagwe.

14Ke ene Jehofa Modimo wa rona;

dikatlholo tsa gagwe

di mo lefatsheng lotlhe.

15Gakologelwang kgolagano ya gagwe

ka bosakhutleng,

e bong lefoko

le o le laoletseng dikokomana

di le makgolo a some;

16 e bong kgolagano

e o ne a e dira le Aberahame,

le ikano ya gagwe le Isake.

17 Ikano eo o bile a e tlhomamisetsa

Jakobe,

gore e nne molao o o emeng,

gape le Iseraele,

gore e nne kgolagano

e e sa khutleng,

18ka a re: ‘Lefatshe la Kanana

ke tlaa le naya wena,

go nna kabelo ya boswa jwa lona;’

19jale ka lo le batho ba se kae

mo palong,

ee, lo le ba se kaenyana, e bile

lo le bajaki fela mo go lone.

20Ba kgarakgatshega ka go nna

ba tlhomaganya merafe fela,

ba tswe bogosing jo bongwe

ba ye tšhabeng e nngwe.

21 Ga a ka a leseletsa motho ope

go ba direla tshiamololo;

ee, o ne a kgalemela dikgosi

ka ntlha ya bone;

22A re:

‘Se ameng batlodiwa ba me,

lo se ka lwa utlwisa

baperofeti ba me botlhoko bope.’

23Lefatshe lotlhe opelela Jehofa!

Bonatsa poloka ya gagwe

ka go tlhomaganya malatsi.

24Kakanyang kgalalelo ya gagwe

mo gare ga merafe,

ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang

mo gare ga ditšhaba tsotlhe!

25Gonne Jehofa o mogolo,

o na le go bakwa segolo,

le gone o na le go boifiwa

bogolo go medimo yotlhe.

26Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba

ke dilo fela,

ene Jehofa o dirile magodimo.

27Tlotlo e fa pele ga gagwe, le borena,

thata le boitumelo

di mo felong ga gagwe.

28Ntshetsang Jehofa

lona ditshika tsa ditšhaba,

ntshetsang Jehofa kgalalelo le thata!

29Ntshetsang Jehofa kgalalelo

e e tshwanetseng leina la gagwe;

lereng tshupelo,

lo tle fa pele ga gagwe!

Obamelang Jehofa

mo bontleng jwa boitshepo.

30Lefatshe lotlhe a le rorome

fa pele ga gagwe;

lobopo le lone lo nitame,

ga lo kake lwa tsikinngwa.

31A magodimo a itumele,

a lefatshe le ipele;

a go buiwe mo merafeng

go twe: ‘Jehofa o a busa!’

32A lewatle le sume,

le bojotlhe jwa lone,

a naga e belafale,

le tsotlhe tse di mo go lone!

33Foo ditlhare tsa sekgwa

di tlaa opela ka boitumelo

fa pele ga Jehofa,

gonne o tla go atlhola lefatshe.

34 A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo;

gonne o molemo;

gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe

bo eme ka bosakhutleng.

35Lo bue lo re: ‘Re boloke

Jehofa wa poloko ya rona,

o bo o re phuthe

o re golole mo merafeng,

gore re tle go baka leina la gago

le le itshepileng,

le go ja koma mo pakong ya gago.’

36A go bakwe Jehofa

Modimo wa Iseraele,

go tswa bosasimologeng

go ya fela bosakhutleng.”

Mme batho botlhe ba re: “Amen!”

Mme ba baka Jehofa.

Tirelo Modimo kwa Jerusalema le kwa Gibeone

37Jalo a tlogela Asafe le bana ba ga rraagwe gone fa pele ga letlole la kgolagano ya ga Jehofa, go tla ba direla fa pele ga letlole ka metlha yotlhe, jaaka tiro ya letsatsi lengwe le lengwe e lopa;

38le boObete-etome le bana ba ga rraagwe, batho ba le 68, le Obete-etome morwa Jeduthune le Hosa, ba bile ba le balebedi ba mojako.

39Mme Satoke moperesiti le bana ba ga rraagwe ba baperesiti, ba le fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa mo felong fa go tlotlometseng mo go mo Gibeone,

40go tla ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang ka metlha yotlhe, ka moso le maitsebowa, e bong jaaka tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Jehofa, o o o laoletseng Baiseraele.

41Mme ba bo ba na le Hemane le Jeduthune, le ba bangwe ba ba itshenketsweng, ba ba badilweng ka maina go tla ba baka Jehofa ka gobo boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

42Mme Hemane le Jeduthune ba bo ba na nabo, ba na le dinaka le disemebala, ba di tsholetse bone ba ba tlaa bong ba dumisetsa godimo, ba bile ba na le diletso tsa dikopelo tsa Modimo. Bomorwa Jeduthune ba bo ba laotswe go nna fa kgorong.

43 Batho botlhe ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe, mme Dafite a boa a ya go segofatsa ntlo ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help