GENESISE 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Isake o segofatsa Jakobe

1E rile Isake a tsofetse, matlho a gagwe a le lotobo, a sa bone sentle, a bitsa Esau morwawe yo mogolo a mo raya a re: “Morwaaka!” A re: “Ke fano.”

2A re: “A ko o bone jaana, ke tsofetse, ga ke itse letsatsi la loso lwa me.

3Jaana, ke a go rapela, ka re, tsaya dibolao tsa gago, mokotlopo wa gago le bora jwa gago, o tswele kwa nageng, o ntsomele phologolo.

4O nkapeele dijo tse di monate, jaaka tse ke di ratang, o di lere kwano go nna gore ke je; gore mowa wa me o go segofatse ke ise ke swe.”

5E rile Isake a bua le Esau morwawe, Rebeka a bo a utlwa. Esau a tswela kwa nageng a ya go tsoma phologolo le go e lere.

6Rebeka a bua le Jakobe morwawe a re: “Bona, ke utlwile rraago a bua le Esau mogoloo, a re:

7‘Nteretse phologolo, o nkapeele dijo tse di monate, gore ke je, ke go segofatse fa pele ga Jehofa ke ise ke swe.’

8Mme jaana, ka re, morwaaka, o utlwe lentswe la me ka fa ke tlaa go laolang ka gone.

9Tloga jaana o ye letsomaneng, o ntlele dipotsane di le pedi tse dintle mo dipoding, mme ke tlaa di apela rraago dijo tse di monate, jaaka tse o di ratang.

10O tlaa di isa kwa go rraago gore a je, gore a tle a go segofatse a ise a swe.”

11Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Bona, mogolole Esau ke motho yo o bobowa, nna ke motho yo o borethe.

12E tlaa re gongwe rre a nkapaape mme ke nne mo go ene jaaka motsietsi, ke itlisetse khutso e seng tshegofatso.”

13Mmaagwe a mo raya a re: “Phutso ya gago e nne mo go nna, morwaaka, utlwa lentswe la me le le losi fela, o ye o di ntlisetse.”

14A ya, a di tshwara a di tlisa mo go mmaagwe; mmaagwe a apaya dijo tse di monate, jaaka tse rraagwe a di ratang.

15Rebeka a tsaya diaparo tse dintle tsa ga Esau morwawe yo mogolo, tse a nang natso mo ntlong, a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana.

16Le matlalo a dipotsane a a mo apesa mo mabogong le mo boretheng jwa thamo ya gagwe.

17Dijo tse di monate tseo, le senkgwe se o se baakantseng, a di tsenya mo seatleng sa ga Jakobe morwawe.

18A ya kwa go rraagwe a re: “Rra!” mme a re: “Ke fano, o mang ngwanaka?”

19Jakobe a raya rraagwe a re: “Ke Esau, ngwana wa gago wa ntlha; ke dirile ka fa o ntheileng ka gone. Ke a go rapela, tsoga, o dule, o je phologolo ya me, gore mowa wa gago o ntshegofatse.”

20Isake a raya morwawe a re: “Go tlile jang, gore o bo o e bonye ka bonako jaana morwaaka?” A re: “Ke ka gonne Jehofa Modimo wa gago o nneile letlhogonolo.”

21Isake a raya Jakobe a re: “Ke a go rapela, a ko o atamele morwaaka, gore ke go apaape boo o morwaake Esau tota kgotsa nnyaa.”

22Jakobe a atamela Isake rraagwe; a mo apaapa a re: “Lentswe lone ke lentswe la ga Jakobe, mabogo ke a ga Esau.”

23A se ka a mo lemoga ka mabogo a gagwe a le bobowa jaaka mabogo a ga Esau mogolowe; jalo o mo segofatsa.

24A re: “A o morwaake Esau ka mmaanete?” Ene a re: “Ke nna.”

25A re: “E nkatametse ke je phologolo ya ga morwaake gore mowa wa me o go segofatse.” A e atametsa fa go ene, a ja, a ba a mo tlisetsa bojalwa jwa mofine a nwa.

26Isake rraagwe a mo raya a re: “Atamela jaana morwaaka, o nkatle.”

27 A atamela, a mo atla, a dupa lonko lwa diaparo tsa gagwe, a mo segofatsa, a re:

“Bona, lonko lwa ga morwaake

lo ntse jaaka lwa naga

e Jehofa o e segofaditseng.

28A Modimo o go neye monyo

wa legodimo,

le monono wa lefatshe,

le letlotlo la mabele,

le bojalwa jwa mofine.

29 A ditšhaba di go direle,

le merafe e go ikobele,

o nne morena

wa bana ba ga rraago,

a bana ba ga mmaago

ba go ikobele,

go hutsiwe mongwe le mongwe

yo o go hutsang,

go nne sego mongwe le mongwe

yo o go segofatsang.”

Esau o kopa Isake go mo tshegofatsa

30Ya re Isake a sena go khutla go segofatsa Jakobe, a sa ntse a tswa fela fa pele ga Isake rraagwe, Esau mogolowe a tsena a tswa kwa letsomong.

31Le ene a apaya dijo tse di monate, a di isa kwa go rraagwe; a raya rraagwe a re: “A rre a tsoge a je phologolo ya ga morwawe, gore mowa wa gago o ntshegofatse.”

32Isake rraagwe a mo raya a re: “Wena o mang?” A re: “Ke morwao, ngwana wa ntlha wa gago, Esau.”

33Isake a roroma mo gogolo thata a re: “Fa e le jalo e ne e le mang yo o tshotseng phologolo a e tlisa mo go nna, ke bile ke jele gotlhe pele o ise o tle, mme ke mo segofaditse? Ee, o tlaa segofala.”

34E rile Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe, a gala ka legalo le legolo le le botlhoko, a raya rraagwe a re: “Rra we! Ntshegofatsa, le nna o ntshegofatse.”

35A re: “Monnao o tsile ka boferefere, o go gapetse lesego.”

36 A re: “A ga a a rewa leina sentle ga twe Jakobe, ka jaana a ntseetse boemo gabedi; a tsaya botsalo jwa ntlha jwa me; bona, gompieno o nkgapetse lesego la me.” A re: “A ga o a ntshadisetsa tshegofatso nngwe fela?”

37Isake a fetola Esau a mo raya a re: “Bona, ke mo dirile morena wa gago, bana ba ga rraagwe botlhe ke ba mo neile go nna batlhanka; ke mo otlile ka mabele le bojalwa jwa mofine; mme wena morwaaka ke a bo ke ka go direlang?”

38 Esau a raya rraagwe a re: “Rra, a o na le tshegofatso e le nngwe fela? Rra we, ntshegofatsa le nna o ntshegofatse.” Esau a tsholetsa lentswe la gagwe a lela.

39 Isake a mo fetola a mo raya a re:

“Bona, bonno jwa gago

bo tlaa katogana

le monono wa lefatshe

le monyo wa legodimo.

40 O tlaa tshela ka tšhaka ya gago,

o tlaa direla monnao;

go tlaa dirala gore

mogang o mo tsogologelang

o tlaa tlosa jokwe

ya gagwe mo thamong ya gago.”

41Esau a ila Jakobe ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe o mo segofaditseng ka yone. Esau a ithaya mo pelong a re: “Malatsi a go lelela rre a gaufi; foo ke tlaa bolaya Jakobe nnake.”

42Mafoko a ga Esau morwawe yo mogolo a bolelelwa Rebeka, a roma a bitsa Jakobe morwawe yo mmotlana, a mo raya, a re: “Bona, mogoloo Esau o ikgomotsa ka ga gago, o ikaeletse go go bolaya.

43Ke gone jaana morwaaka, utlwa lentswe la me, o nanoge o tshabele kwa go Labane, kgaitsadiake kwa Harane.

44O tlhole nae malatsinyana mangwe go tle go tsamaye tšarafalo ya ga mogoloo e fete.

45Go tsamaye bogale jwa ga mogoloo bo boye mo go wena, a lebale se o se mo diretseng. Foo ke tlaa roma ke ya go go tsaya gone. Ana ke tlaa bo ke lo tloselediwang loo babedi ka letsatsi le le lengwe fela?”

Isake o romela Jakobe kwa go Labane

46Rebeka a raya Isake a re: “Ke lapisitswe ke botshelo jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa Jakobe a tsaya mosadi mo go bomorwadia Hethe, ba ba etsang ba, ba bomorwadia lefatshe le, botshelo jwa me bo tlaa nna le molemo wa eng mo go nna?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help