ESEKIELE 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jerusalema o tshwana le mofine o o senang thuso epe

1Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:

2“Morwa motho, ana setlhare sa mofine se molemo wa eng bogolo go setlhare sengwe fela; ke raya kala ya mofine e e mo gare ga ditlhare tsa sekgwa?

3A go ka tsewa dikgong mo go sone tsa go dira tiro nngwe? Kgotsa, a batho ba ka tsaya lomapo mo go sone go tla ba pega sejana sengwe mo go lone?

4Bonang, se latlhelwa mo molelong go orwa; molelo o jele dintlha tsa sone tsoo pedi, mme bogare jwa sone bo fisitswe; a se sa na le molemo wa tiro nngwe?

5Bonang, e rile se sa ntse se le mmogo, sa bo se se na tiro epe; bogolo jang jaanong ka molelo o se jele, mme se šele, a se sa ntse se ka nna le tiro nngwe?”

6Ke gone ka moo, go bua Morena Modimo, a re: “Jaaka setlhare sa mofine mo ditlhareng tsa sekgwa, se ke se tsentseng mo molelong go orwa, ke tlaa tsenya banni ba Jerusalema jalo.

7Ke tlaa lebisa sefatlhogo sa me go tlhabana nabo; ba tlaa tswa mo molelong, mme molelo o tlaa ba laila; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa, mogang ke lebisang sefatlhogo sa me go tlhabana nabo.

8Ke tlaa swafatsa lefatshe, gonne ba tlodile, go bua Morena Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help