1Banni ba Jerusalema ba dira Ahasia, morwa Jehorame yo mmotlana, kgosi mo boemong jwa gagwe; gonne lesomo la batho ba ba kileng ba tla le Baarabia mo bothibelelong ba ne ba bolaile bomogolowe botlhe. Jalo Ahasia morwa Jehorame kgosi ya Juta a busa.
2E rile Ahasia a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 42; mme a busa ka ngwaga o le mongwe fela mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia morwadia Omeri.
3Le ene a sepela mo ditseleng tsa ba ntlo ya ga Ahabe, gonne mmaagwe e ne e le mogakolodi wa gagwe mo go direng ka boikepo.
4A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go ne go dira ba ntlo ya ga Ahabe, gonne bao e ne e le bagakolodi ba gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe, go mo isa tshenyegong.
5Le gone a sepela ka fa kgakololong ya bone, a bolola le Jehorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, a ya go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe-gileate. Basiria ba tlhaba Jorame a tswa dintho.
6A bowa a ya kwa Jesereele a ya go alafiwa dintho tse ba di mo ntshitseng kwa Rama, ka a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Asaria morwa Jehorame kgosi ya Juta a ya go lekola Jehorame morwa Ahabe kwa Jesereele ka a lwala.
7Jaana tshenyego ya ga Ahasia ya bo e tswa mo Modimong, ka a ile kwa go Jorame. Gonne e rile a fitlha, a bolola le Jehorame, ba bololela Jehu morwa Nemeši, yo Jehofa o ne a mo tloleditse go tla a bolaya ba ntlo ya ga Ahabe.
8Ga dirala ya re Jehu a sekisa ba ntlo ya ga Ahabe, a fitlhela dikgosana tsa Juta le bomorwa boo rra Ahasia ba thusa Ahasia, mme a ba bolaya.
9A senka Ahasia, mme ba mo tshwara, (ka o ne a iphithile mo Samaria), mme ba mo isa kwa go Jehu mme ba mmolaya; ba mo fitlha gonne, ba re: “Ke morwa Jehošafate, yo o ne a batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.” Ba ntlo ya ga Ahasia ba ne ba se na thata ya go tshegetsa bogosi.
Mohumagadi Athalia wa Juta(2 Dikg 11:1-3)10E rile Athalia mma Ahasia a bona fa morwawe a sule, a nanoga a senya losika lotlhe lwa segosi lwa ntlo ya Juta.
11Mme Jehošabeathe morwadia kgosi, a tsaya Joaše morwa Ahasia, a mo utswa a mo tlosa mo go bomorwa kgosi ba ba bolailweng, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya borobalo. Jehošabeathe morwadia kgosi Jehorame, mosadi wa ga Jehoiata moperesiti, (gonne e ne e le kgaitsadia Ahasia), a mo subela Athalia, mme a se ka a mmolaya.
12Mme a nna nabo a subilwe mo ntlong ya Modimo ka dinyaga di le thataro, mme Athalia a busa mo lefatsheng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.