JOBE 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sofare

1Foo ga fetola Sofare wa Monaamatha a re:

2“Ke gone ka moo megopolo ya me

e nnayang phetolo,

e bong ka ntlha ya go potlaka ga me

mo go nna.

3Ke utlwile kgalemelo

e e ntlhabisang ditlhong,

mowa wa tlhaloganyo ya me

wa mphetola.

4A gale, bogologolo,

e sa le ka motho a bewa

mo lefatsheng,

a o ntse o sa itse se,

5sa go re, go ja koma ga baikepi

go le go khutshwane,

le boitumelo jwa ba ba sa reng

Modimo sepe

bo nna ka ponyo ya leitlho fela?

6Le fa tlotlomalo ya gagwe

e palamela kwa magodimong,

le tlhogo ya gagwe

e fitlha kwa marung;

7le fa go ntse jalo o tlaa felela ruri

ka bosakhutleng

jaaka maswe a gagwe;

ba ba mmonyeng ba tlaa re:

‘O kae?’

8O tlaa fofela koo fela jaaka toro,

mme ga a ketla a fitlhelwa;

ee, o tlaa alolwa

jaaka ponatshegelo ya bosigo.

9Leitlho le le kileng la mmona

ga le ketla le tlhola le mmona gope;

le gone felo ga gagwe

ga go ketla go tlhola go mo leba.

10Bana ba gagwe ba tlaa batla

botsalano jwa bahumanegi,

diatla tsa gagwe

di tlaa rebola khumo ya gagwe.

11Le fa marapo a gagwe

a tletse bokolwane,

bo tlaa itelega nae mo loroleng.

12le fa boikepo bo le botshe

mo ganong la gagwe,

le fa a bo suba

fa tlase ga loleme lwa gagwe;

13le fa a bo rekegela,

a gana go bo lesa,

mme a ntse a bo tshegeditse fela

mo teng ga legano la gagwe;

14le fa go ntse jalo,

dijo tsa gagwe di fetogile

mo maleng a gagwe,

ke botlhoko jwa dinenebu

mo teng ga gagwe.

15O komeditse dikhumo,

mme o tlaa ba a di tlhatsa;

Modimo o tlaa di gelola

mo mpeng ya gagwe.

16O tlaa mona botlhoko jwa dinenebu;

lolema lwa šaušawane

lo tlaa mmolaya.

17Ga a ketla a leba dinoka,

dinokana tse di elang dinotshe

le madila a maši.

18Se o ne a se itapisetsa

o tlaa se busa, mme

ga a ketla a se meletsa mo teng;

ga a ketla a itumelela thoto

e o e bapetseng.

19Gonne o patikile a latlha

bahumanegi;

o gapile ntlo ka thata,

e o ne a se ka a e aga.

20“E re ka a ne a sa itse boiketlo

mo teng ga gagwe,

ga a ketla a sala le sepe

sa se o ne a itumela mo go sone.

21Ga se ka ga sala sepe

se o sa se jelang ruri;

ke gone ka moo

go tlhogonolofala ga gagwe

ga go ketla go tlhomama.

22O tlaa re mo botlalong

jwa letlotlo la gagwe

a nne mo pitlaganong;

seatla sa mongwe le mongwe

yo o mo matladikeng

se tlaa wela mo go ene.

23E tlaa re mogang o reng o kgora

mo mpeng,

Modimo o latlhele bogale

jwa tšarologo ya one mo go ene,

o tlaa bo kgoromeletsa mo go ene

a sa ntse a ja.

24O tlaa tshaba sebolao sa tshipi,

bora jwa kgotlho

bo tlaa mo phololetsa.

25Fa mongwe a o somola,

o tswe mo mmeleng wa gagwe;

ee, segale se se phatsimang

se tswe mo santlhokweng wa gagwe;

ditheregiso di mo go ene.

26Lefifi lotlhe le beetswe

dikhumo tsa gagwe tse di rategang;

molelo o o sa butswelwang ke motho

o tlaa mo laila;

o tlaa nyeletsa se se setseng

mo mogopeng wa gagwe.

27Magodimo a tlaa senola

boikepo jwa gagwe,

le lefatshe le tlaa mo tsogologela.

28Totafalo ya ntlo ya gagwe

e tlaa tloga,

dithoto tsa gagwe di tlaa elela koo

mo tsatsing la botšarara jwa one.

29Kabelo ya moikepi ke eo,

e tswa mo Modimong,

le boswa jo o bo laoletsweng

ke Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help