JOBE 21 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Foo Jobe a fetola a re:

2“Lo bo lo utlweng puo ya me

sentle;

mme se e nne dikgomotso tsa lona.

3Ntesang, le nna ke tlaa bua;

ke tlaa re ke sena go bua,

lo sotlele pele fela.

4Ka ga me, go itoka ga me

a ke go itokela motho?

Ke tlaa bo ke sa nne legweegwee

ka ntlha yang?

5Lo nkele tlhoko, lo gakgamale,

mme lo ipeye seatla mo melomong.

6Ee, le e tle e re fa ke gakologelwa

ke huduege,

le go tsitla marapo go ntshware.

7Ana baikepi ba tshela ka ntlha yang

ba tsofale,

ee, ba natlafale mo nonofong?

8Losika lwa bone lo tlhomame nabo

mo ponong ya bone,

le lotsalo lwa bone

mo matlhong a bone.

9Mantlo a bone a dibelesege

mo poifong,

le gone thupa ya Modimo

ga e ke e nna mo go bone.

10Poo ya bone e gwele fela

e se ke e tlhaele;

kgomo ya bone e tsale

e se ke e folotse.

11Ba tle ba bolotse banyana ba bone

jaaka letsomane,

mme bana ba bone ba bine.

12Ba opelele meropana le harepe,

ba itumelele go lediwa ga lotlhaka.

13Ba fetise malatsi a bone

mo tlhogonolofalong,

mme e a re ka ponyo ya leitlho

ba kotlomelele fela mo Bobipong.

14Le fa go ntse jalo,

ba reile Modimo ba re:

‘Tloga mo go rona;

gonne ga re eletse kitso

ya ditsela tsa gago.

15Mothatayotlhe ya bo e le eng,

fa e bo ne ne re ka mo direla?

Re tlaa bo re bona molemo wang

fa re mo rapela?’

16Bona, go tlhogonolofala ga bone

ga go mo seatleng sa bone;

kgakololo ya baikepi

ke kgakala nayo.

17Lobone lwa baikepi

lo tle lo tingwe ga kae?

Tatlhego ya bone

e tle e ba tlele ga kae?

Modimo o tle o abe mahutsana

mo bogaleng jwa one ga kae?

18Fa ba tla bo ba ka nna ga kae

jaaka dirine fa pele ga phefo,

le jaaka mmoko

o setsuatsue se o tsubulang?

19Lo a tle lo re:

‘Modimo o beela bana ba gagwe

boikepo jwa gagwe.’

A o bo lefetse mo go ene ka esi

gore a bo ikitse.

20A matlho a gagwe ka osi

a bone tshenyego ya gagwe,

a a nwe botšarara

jwa Mothatayotlhe.

21Gonne o na le go kgatlhwa ke eng

mo ntlong ya gagwe

morago ga gagwe,

etswa palo ya dikgwedi tsa gagwe

e kgaotswe ka bogare?

22A mongwe o ka ruta Modimo kitso,

etswa o atlhola bogoletsegi?

23Mongwe o swa a tletse nonofo

a iketlile,

a ituletse gotlhe fela.

24Mabele a gagwe a tletse maši,

le moko wa marapo a gagwe

o mahura fela.

25Yo mongwe a swe

a le mowa o botlhoko,

le a e se ke a utlwe

se se molemo gope.

26Ba itelege mmogo fela

ka bobedi mo loroleng,

mme seboko se ba khurumetse.

27“Bonang, ke a e itse

megopolo ya lona,

le maano a lo a ntogelang

ka go sa siamang.

28Gonne lwa re:

‘Ntlo ya kgosana e kae?

Le mogope o moikepi o kileng

a o nna o kae?’

29A ga lo a botsa bone

ba ba fetang le tsela?

A ga lo itse dikao tsa bone?

30Go re motho yo o bosula

o rekegelelwa letsatsi la tatlhego,

le go re ba gogelwa koo

kwa letsatsing la botšarara?

31E mang yo o tlaa bolelang

tsela ya gagwe matlhong a gagwe?

E mang yo o tlaa mo kgopololelang

se o se dirileng?

32Le fa go ntse jalo

o tlaa isiwa kwa lebitleng,

mme ba tlaa lebela phupu ya gagwe.

33Makote a molapo

a tlaa nna botshe mo go ene,

mme batho botlhe

ba tlaa gogegela kwa go ene,

jaaka go ne go le ba ba se nang palo

pele ga gagwe.

34Mme e le foo lo nkgomotsa jang

ka lefela,

ka mo diphetolong tsa lona

go setse boikanyologo fela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help