JEREMIA 47 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Molaetsa wa Morena ka ga Bafilisitia

1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Jeremia moperofeti ka ga Bafilisitia, Faro a ise a kgemethe Gasa.

2Jehofa o bua jaana, a re:

“Bonang, metsi a hohomoga kwa

botsheka, mme a tlaa nna

noka e e penologang,

e tlaa penologela lefatshe

le tsotlhe tse di mo go lone,

motse le ba ba agileng mo go one;

mme batho ba tlaa goa,

le banni botlhe ba lefatshe

ba tlaa bokolela.

3Ka ntlha ya modumo

wa mesito ya ditlhako

tsa dinatla tsa gagwe,

le ka ntlha ya mokgwaso

wa go taboga ga dikara tsa gagwe,

le ka ntlha ya modumo

wa maoto a gagwe a dikologa,

borra bana ga ba šebele

kwa baneng ba bone

ka ntlha ya go repa ga mabogo;

4le ka ntlha ya letsatsi le le tlang,

la go thopa Bafilisitia botlhe,

le go kgaola mo Ture le Sitone

mothusi mongwe le mongwe

yo o setseng,

gonne Jehofa o tlaa

thopa Bafilisitia,

masalela a setlhake sa Kafetore.

5Logatadima lo wetse ba Gasa;

Ašekelone o dirilwe bosengsepe,

makhunantshana a molapo wa bone;

o tlaa nna o itshegaka

ka lobaka lo lo kaye?

6Tshaka ya ga Jehofa we,

o tlaa nna lobaka lo lo kaye

o ise o tuulale?

Itsenye mo kgatleng ya gago;

ikhutse, mme o tuulale fela.

7Ana o ka tuulala jang?

ka e le fa Jehofa a go neile tiro;

ka fa Ašekelone,

le ka fa losing lwa lewatle,

o e laoletse gone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help