PESALEMA 96 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa kgalaletso(1 Ditiraf 16:23-33)

1A ko lo opeleleng Jehofa

sefela se seša;

lefatshe lotlhe, opelelang Jehofa.

2Opelelang Jehofa,

bakang leina la gagwe;

bolelelang poloka ya gagwe pele

ka go tlhomaganya malatsi.

3Kakanyang kgalalelo ya gagwe

mo gare ga merafe;

ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang

mo gare ga ditšhaba tsotlhe.

4Gonne Jehofa o mogolo,

mme o na le go bakwa segolo;

o na le go boifiwa bogolo

go medimo yotlhe.

5Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba

ke dilo fela;

mme ene Jehofa o dirile magodimo.

6Tlotlo e fa pele ga gagwe le borena;

thata e mo felong ga gagwe

ga boitshepo, le bontle.

7 Ntshetsang Jehofa,

lona ditshika tsa ditšhaba;

nayang Jehofa kgalalelo le thata.

8Nayang Jehofa kgalalelo

e e tshwanetseng leina la gagwe;

tlisang tshupelo, mme lo tle mo

malwapeng a gagwe.

9A ko lo obameleng Jehofa

mo bontleng jwa boitshepo;

a lefatshe lotlhe le rorome

fa pele ga gagwe.

10Buang mo merafeng, lo re:

“Jehofa o a busa;

lobopo le lone lo nitame,

ga lo kake lwa tshikinngwa;

o tlaa atlhola ditšhaba

ka tekatekanyo.”

11A magodimo a itumele,

a lefatshe le ipele,

a lewatle le sume,

le bojotlhe jwa lone.

12A naga e kgane ka boitumelo,

le tsotlhe tse di mo go yone;

ke gone ditlhare tsotlhe tsa sekgwa

di tlaa opelang ka boitumelo,

13fa pele ga Jehofa, gonne o etla;

gonne o tla go atlhola lefatshe;

o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo,

le ditšhaba

ka boammaaruri jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help