ESEKIELE 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Setshwantsho sa pitsa e e apayang

1Gape ya re ka ngwaga o o ferang mongwe fela, ka kgwedi ya lesome, ka letsatsi la lesome la kgwedi, lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:

2 “Morwa motho, kwala leina la letsatsi, e bong la letsatsi leno fela. Kgosi ya Babilone e ne ya atamela Jerusalema thata ka lone letsatsi leno fela.

3Ntlo e e borukhutlhi o e bolelele setshwantsho, o ba reye o re:

“Morena Modimo o bua jaana, a re:

Tlhatlayang pitsa e tona,

lo e tlhatleye,

lo bo lo thele metsi mo go yone.

4Lo olele mo go yone dirwe tsa yone,

e bong serwe sengwe le sengwe

se se molemo, serope le letsogo;

lo tsenye marapo a a tlhaotsweng

mo go yone, e tlale.

5Tsayang tse di tlhophilweng tsa

letsomane,

lo tlhatlaganye dikgong

fa tlase ga yone;

a e bele thata.

Ee, a marapo a yone a apewe

mo gare ga yone.”

6Ke gone Morena Modimo o bua jaana, a re: “A bo go latlhega motse o o madi, le pitsa e tona e lesulo la yone le leng mo go yone, e lesulo la yone le iseng le tswe mo go yone! Di inoleng ka monokela; ga e a thelelwa bola.

7Gonne madi a one a mo gare ga one; wa a baya mo lefikeng le le borethe fela; ga o a ka wa a tshololela fa fatshe go tla a o bipa ka lorole.

8Ke beile madi a one mo lefikeng le le borethe fela, gore a se ka a bipiwa, e le gore a tsose tšararego go tla e busolosa.”

9Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “A bo go latlhega motse o o madi! Le gone ke tlaa koela mokoa o nna mogolo.

10Koang dikgong, tukisang molelo, nama a e butswe thata, loisang moro thata, mme marapo a fisiwe.

11Foo lo e tlhatleye e se na sepe mo magaleng a yone, gore e nne molelo, le gore kgotlho ya yone e še, le gore leswe la yone le tlhapologe mo go yone, le gore lesulo la yone le nyelediwe.

12O itapisitse ka tiro; le fa go ntse jalo lesulo la one le legolo ga le tswe mo go one; lesulo la one ga le tswe ka molelo.

13Botlhodi bo mo lesweng la gago; ereka ke go tlhapisitse, mme wa se ka wa tlhapisega, ga o ketla o tlhola o tlhapisiwa gope mo lesweng la gago, go tsamaye ke kgorise tšararego ya me mo go wena.

14Nna Jehofa ke buile; go tlaa dirala, ke tlaa go dira; ga nketla ke bowa ka morago, le gone ga nketla ke rekegela, le gone ga nketla ke ikwatlhaya; ba tlaa go sekisa ka fa ditseleng tsa gago, le ka fa ditirong tsa gago;” go bua Morena Modimo.

Loso lwa mosadi wa ga Esekiele

15Gape lefoko la ga Jehofa la tla go nna, la re:

16“Morwa motho, bona, ke go tlosetsa seeletso sa matlho a gago ka kanyo e le nngwe fela; le fa go ntse jalo o se ka wa hutsafala le fa e le go lela, le gone dikeledi tsa gago a di se tshologe.

17Fegelwa, mme e seng kwa godimo; o se ka wa direla baswi khutsafalelo; rwala tlhoro o e hunele, rwala ditlhako, mme o se ka wa bipa molomo, le gone o se ka wa ja dijo tsa banna.”

18Jalo ka bua le batho go le ka moso; e rile maitseboa mosadi wa me a swa; mme ya re ka moso ka dira jaaka ke laotswe.

19Batho ba nthaya ba re: “Fa e bo ne ne o dira jaana, a ga o nka o re bolelela go re dilo tse di kayang mo go rona?”

20Foo ka ba raya ka re: “Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:

21Bua le ba ntlo ya Iseraele, o re: Morena Modimo o bua jaana; a re: Bonang, ke tlaa tlhapatsa felo ga me ga boitshepo, boikgantsho jwa thata ya lona, seeletso sa matlho a lona, le sone se mowa wa lona o se ngomogelang pelo, mme bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba lo ba tlogetseng ba tlaa wa ka tšhaka.

22Lo tlaa dira jaaka ke dirile; ga lo ketla lo ipipa melomo, le fa e le go ja dijo tsa banna.

23Ditlhoro tsa lona di tlaa nna mo ditlhogong tsa lona, le ditlhako mo dinaong tsa lona; ga lo ketla lo hutsafala le fa e le go lela; lo tlaa tlhorega fela mo maikepong a lona, lo tlaa ba lo sonelana.

24Jalo Esekiele o tlaa nna sesupo mo go lona; lo tlaa dira ka fa go tsotlhe tse o di dirileng; mogang selo se se tlang, foo lo tlaa itse fa ke le Morena Modimo.

25“Wena morwa motho, a ga go ketla go dirafala mo motlheng o ke ba tseelang thata ya bone ka one, boitumelo jwa kgalalelo ya bone, seeletso sa matlho a bone, le se ba tlhomileng pelo ya bone mo go sone, e bong bana ba bone ba basimane le ba basetsana,

26gore e tle e re yo o falolang mo motlheng oo a tle a tle mo go wena, go se go utlwisa mo ditsebeng tsa gago?

27Mo motlheng oo o tlaa tswela mofalodi molomo, o tlaa bua, ga o ketla o tlhola o nna semumu; jalo o tlaa bo o le sesupo mo go bone; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help