PESALEMA 87 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ditshwanelo tsa go aga kwa SionePesalema ya bomorwa Kora. Sefela.

1Motheo wa gagwe o mo

dithabeng tse di boitshepo.

2Jehofa o rata dikgoro tsa Sione

bogolo go maago a ga Jakobe

otlhe fela.

3Dilo tse di galalelang

di buiwa ka ga gago,

wena motse wa Modimo. Sela.

4Ke tlaa nna ke umaka Rahabe,

le Babilone

fa ba le mo go bone ba ba nkitseng;

bona Filisitia, le Ture,

ba na le Ethiopia:

“Ene yo o tsaletswe gone.”

5Ee, ka ga Sione go tlaa twe: “Yo

le yole ba tsaletswe mo go ene;”

mme Mogodimodimo ka esi

o tlaa mo tlhomamisa.

6Jehofa o tlaa re a kwala ditšhaba,

a bale a re:

“Ene yo, o tsaletswe gone.” Sela.

7Ba ba opelang,

le ba ba binang ba tlaa re:

“Metswedi ya me yotlhe

e mo go wena.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help