JOBE 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Jobe a ba a tloga gape a tlhaba seane sa gagwe, a re:

2“Jaaka Modimo o tshedile,

o o ntloseditseng tshiamelo ya me;

le Mothatayotlhe

yo o tshwentseng mowa wa me:

3(Gonne botshelo jwa me

bo sa ntse bo itekanetse mo go nna

le mowa wa Modimo

o mo dinkong tsa me);

4ruri dipounama tsa me

ga di kake tsa bua tshiamololo,

le loleme lwa me

ga lo ketla lo bua tsietso.

5A go nne kgakala le nna

fa nka lo siamisa;

ga nketla ke itlosa thokgamo ya me,

go ba ke tla ke swa.

6Tshiamo ya me ke e tshwaretse

ruri,

ga nketla ke e lesa;

ke tlaa re ke sa ntse ke tshedile,

pelo ya me ga e ketla e nkgoba.

7A mmaba wa me

a nne jaaka baikepi,

le gone a yo o ntsogologelang

a nne jaaka basiamolodi.

8Gonne tsholofelo ya yo o sa reng

Modimo sepe ke eng,

le fa a bona papadi

mogang Modimo o tlosang

mowa wa gagwe?

9A Modimo o tlaa utlwa go goa

ga gagwe monna yo,

fa pitlagano e tla mo go ene?

10A o tlaa inatetshetsa Mothatayotlhe,

a biletsa kwa Modimong

ka metlha yotlhe?

11Ke tlaa lo ruta

ka ga letsogo la Modimo;

se se kwa go ene

Mothatayotlhe ga nketla ke se

loba.

12Bonang, lona lotlhe ka losi

lo se bonye;

ke ka ntlha yang

lo ithamaketse ruri?”

Sofare

13“E ke yone kabelo ya moikepi

mo Modimong,

le boswa jwa bapatiki

jo ba bo amogelang

mo go Mothatayotlhe.

14Fa bana ba gagwe ba ntsifala,

e be e le ba ntsifalela tšhaka fela;

lotsalo lwa gagwe

ga lo ketla lo kgora dijo.

15Ba gagwe ba ba setseng

ba tlaa fitlhwa mo losong,

batlholagadi ba gagwe

ga ba ketla ba dira khutsafalo.

16Le fa a ka koa selefera jaaka lorole,

a ba a baakanya diaparo

jaaka seretse;

17o ka di baakanya fela,

mme basiami ba tlaa di apara,

le ba ba se nang molato

ba tlaa kgaogana selefera.

18O aga ntlo ya gagwe jaaka

serurubele,

le jaaka loobo lo moleti o lo agang.

19O itelega a humile,

mme e be e le lwa bofelo;

a budulole matlho,

mme a ba a seyo.

20Ditherego di mo tshware

jaaka metsi;

ledimo la phefo le mo utswe bosigo.

21Phefo ya botlhabatsatsi e mo

kgopholele koo, mme a tloge;

e mo feele,

a tloge mo felong ga gagwe.

22Gonne Modimo o tlaa mo hureetsa,

mme o se ke o rekegele;

o ka rata a ka bo a tshaba

a tswa mo seatleng sa one.

23Batho ba tlaa mo opela diatla,

ba mo otsa,

ba mo ntsha felong ga gagwe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help