1 Ga dirafala, ya re ka one ngwaga oo fela, mo tshimologong ya puso ya ge Setekia kgosi ya Juta, ka ngwaga wa bone, ka kgwedi ya botlhano, Hanania morwa Asure moperofeti, yo e ne e le wa Gibeone, a bua le nna mo ntlong ya ga Jehofa, fa pele ga baperesiti le batho botlhe, a re:
2“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: Ke robile jokwe ya kgosi ya Babilone.
3E tlaa re dinyaga di le pedi tse di tletseng di e se di fete, ke tlaa ba ke busetsa mo felong fa dijana tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa tse Nebukatenesare kgosi ya Babilone o di tlositseng mo felong fa, a di isa Babilone.
4Ke tlaa ba ke busetsa mo felong fa Jekonia morwa Jehoiakime, kgosi ya Juta, a na le batshwarwa botlhe ba Juta, ba ba ileng Babilone, go bua Jehofa; gonne ke tlaa roba jokwe ya kgosi ya Babilone.”
5Foo moperofeti Jeremia a raya moperofeti Hanania mo ponong ya baperesiti, le mo ponong ya batho botlhe ba ba emeng mo ntlong ya ga Jehofa,
6e bong moperofeti Jeremia, a re: “A go nne jalo! A Jehofa a dire jalo! A Jehofa a dirafatse mafoko a gago a o a perofesitseng, a go ba a lere dijana tsa ntlo ya ga Jehofa, le botlhe ba botshwaro, ba tswe Babilone ba tle felong fa.
7Le fa go ntse jalo a ko o utlwe lefoko le ke le buelang mo tsebeng tsa gago, le mo tsebeng tsa batho botlhe:
8Baperofeti ba ba kileng ba ne ba le pele ga me le pele ga gago bogologolo, ba ne ba perofesa dira, le bosula, le kgogodi ka ga mafatshe a le mantsi, le ka ga magosi a magolo.
9Moperofeti yo o perofesang ka ga kagiso, mogang lefoko la moperofeti yoo le dirafalang, foo moperofeti yoo o tlaa itsiwe, go re Jehofa o mo romile ka mmaanete.”
10Foo moperofeti Hanania a tlosa jokwe mo thamong ya moperofeti Jeremia, a lo roba.
11Mme Hanania a bua mo ponong ya batho botlhe, a re: “Jehofa o bua jaana, a re: Fela jalo ke tlaa roba jokwe ya ga Nebukatenesare kgosi ya Babilone, ke e tlosa mo thamong ya merafe yotlhe, dinyaga di le pedi tse di tletseng di e se di fete.” Mme moperofeti Jeremia a tloga a tsamaya.
12Foo lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jeremia, morago ga Hanania moperofeti a sena go roba jokwe, a e tlosa mo thamong ya moperofeti Jeremia, la re:
13“Ya o reye Hanania o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: O robile dijokwe tsa dikgong; mme o tlaa dira dijokwe tsa tshipi mo boemong jwa tsone.
14Gonne Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana; a re: Ke beile jokwe ya tshipi mo thamong ya merafe yotlhe e, gore e direle Nebukatenesare kgosi ya Babilone; mme e tlaa mo direla. Ke bile ke mo neile diphologolo le dibatana tsa naga.’ ”
15Foo moperofeti Jeremia a raya moperofeti Hanania, a re: “Utlwa jaana wena Hanania; Jehofa ga a a go roma; mme o dira gore batho ba, ba ikanye maaka.
16Ke gone ka moo Jehofa o buang jaana, a re: ‘Bona, ke tlaa go tlosa mo lefatsheng; o tlaa swa ka ngwaga ono, gonne o buile go tsuololela Jehofa.’ ”
17Jalo Hanania moperofeti a swa ka ngwaga oo, ka kgwedi ya bosupa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.