DIKHUTSAFALO 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Khutsafalo ka ga Jerusalema

1Ana motse o dutse

o ntse matlotla jang,

o o neng o ntse o tletse batho!

O fetogile mosadi wa motlholagadi

jang!

Ene yo o ne a le mogolo

mo merafeng,

e le morwadia kgosi

mo dikgaolong tsa lefatshe,

o tsile a nna montsha lekgetho

jang!

2O lela mo go botlhoko bosigo,

dikeledi tsa gagwe

di mo marameng a gagwe;

mo baratweng botlhe ba gagwe,

ga a na ope yo o mo gomotsang;

ditsala tsotlhe tsa gagwe

di mo diretse ka bolotsana,

di fetogile baba ba gagwe.

3Juta o ile botshwarong

ka ntlha ya patiko,

le ka ntlha ya botlhanka jo bogolo;

o agile mo merafeng,

ga a bone boikhutso.

Babogisi botlhe ba gagwe

ba mo tshwaretse mo teng

ga mogala wa gopo.

4Ditsela tsa Sione di a hutsafala,

ka go bo go sa tle ope phuthegong

e e laotsweng;

dikgoro tsotlhe tsa gagwe

di swafetse;

baperesiti ba gagwe ba a fegelwa;

makgarebane a gagwe a a patikwa,

le ene ka esi o mo bogalakeng.

5Baganetsi ba gagwe

ba fetogile ba nna tlhogo,

baba ba gagwe ba a segofala;

gonne Jehofa o mo patikile

ka ntlha ya bontsi

jwa ditlolo tsa gagwe.

Banyana ba bannye ba gagwe

ba ile botshwarong

fa pele ga moganetsi.

6Mo go morwadia Sione

bontle jotlhe jwa gagwe bo tlogile;

dikgosana tsa gagwe di fetogile

di ntse jaaka dikwalata

tse di sa boneng bofulo,

mme di tsamaile,

di koafetse fa pele ga mokonatedi.

7Mo metlheng ya patikego ya gagwe,

le mo manyobonyobong a gagwe,

Jerusalema o gakologelwa dilo

tsotlhe tsa gagwe tse di eletsegang

tsa metlha ya bogologolo;

e rile batho ba gagwe

ba wela mo seatleng sa mmaba,

mme go se na ope yo o mo thusang,

baganetsi ba mmona,

ba sotla ka ditshwafalo tsa gagwe.

8Jerusalema o leofile thata;

ke gone o fetogile

o ntse jaaka selo se se maswe;

botlhe ba ba kileng ba mo tlotla

ba a mo nyatsa,

ka ba bonye bosaikategang jwa gagwe.

Ee, o a fegelwa,

mme o retologile kwa morago.

9Bomaswe jwa gagwe

bo ne bo le mo ditswalong

tsa gagwe tse di kgokgothang;

ga a ka a gakologelwa

bokhutlo jwa gagwe;

ke gone o ileng kwa tlase

mo go gakgamatsang;

ga a na mogomotsi.

“Jehofa, bona patikego ya me;

gonne mmaba o ikgodisitse.”

10Moganetsi o atlareleditse

mo dilong tsotlhe tsa gagwe

tse di eletsegang diatla.

Gonne o bonye fa merafe

e tsenye mo felong ga gagwe

ga boitshepo,

ba o laotseng ka ga bone, wa re:

Ba se ka ba tsena mo phuthegong

ya gago.

11Batho botlhe ba gagwe

ba a fegelwa,

ba batla dijo;

ba ntshitse dilo tsa bone

tse di eletsegang

ba anantse ka tsone dijo

tsa go ikidibolola ka tsone.

“Jehofa, a ko o lebe, o bone;

gonne ke befile thata.”

12“A e a bo e se sepe mo go lona

lotlhe ba lo fetang ka tsela?

Lebang, lo bone

bo go na le bohutsana bongwe

jo bo tshwanang le bohutsana

jwa me, jo ke bo dirwang,

jo Jehofa o mpatikileng ka jone

mo motlheng wa bogale jwa gagwe

jo bo tukang.

13O tsentse molelo o o tswang

godimong mo marapong a me,

mme wa a fenya.

O aletse dinao tsa me lotloa,

o mpuseditse kwa morago;

o ntshwafaditse,

o nkidibaditse motshegare otlhe.

14“Jokwe ya ditlolo tsa me

e golegilwe ke seatla sa gagwe;

di logantswe,

di palame mo thamong ya me;

o tlhaedisitse thata ya me,

Morena o ntsentse mo diatleng

tsa batho ba ke se nang thata

ya go emalana nabo.

15Morena o nyaditse banna

ba ba diganka botlhe ba me

mo gare ga me;

o mpileditse phuthego e e masisi

go tla go pitla makau a me.

Morena o gatakile kgarebana

morwadia Juta jaaka e ka bo e le

mo kgatisetsong

ya bojalwa jwa mofine.

16“Ke lelela dilo tse;

leitlho la me,

leitlho la me le tshologa metsi;

ka go bo mogomotsi

yo o ne a tshwanetse

go rudisa mowa wa me

o kgakala le nna.

Bana ba me ba ntse lore fela,

gonne mmaba o fentse.”

17Sione o atlaretse diatla tsa gagwe;

ga go na ope yo o mo gomotsang;

Jehofa o laotse ka ga Jakobe,

gore ba ba mo tikologong ya gagwe

e nne baganetsi ba gagwe.

Jerusalema o ntse mo go bone

jaaka selo se se maswe.

18“Jehofa o tshiamo;

gonne ke tsuololetse taolo

ya gagwe.

Ke a lo rapela,

utlwang lona ditšhaba tsotlhe,

lo bone bohutsana jwa me.

Makgarebane a me, le makau a me

a ile botshwarong.

19Ka bitsa baratiwa ba me,

mme ba ntsieditse;

baperesiti ba me le bagolwane

ba me ba gonogela mo motseng,

ba sa ntse ba batla dijo

tsa go ikidibolola ka tsone.

20“Jehofa a ko o lebe,

gonne ke mo pitlaganong,

boteng jwa me bo huduegile;

pelo ya me e pitikologile

mo teng ga me;

gonne ke tsuolotse thata;

kwa ntle

tšhaka e thukhutha batho bana,

le mo gae go ntse jaaka loso fela.

21Ba utlwile fa ke fegelwa;

ga go na ope yo o ka nkgomotsang;

baba botlhe ba me

ba utlwetse pitlagano ya me;

ba itumela ka o go dirile.

O tlaa fitlhisa letsatsi

le o le boletseng,

mme ba tlaa tshwana le nna.

22“A boikepo jotlhe jwa bone

bo tle fa pele ga gago;

o ba direle jaaka o ntireletse

ditlolo tsotlhe tsa me.

Gonne diphegelo tsa me di dintsi,

le pelo ya me e idibetse.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help