PESALEMA 66 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go galaletsa ditiro tse dikgolo tsa ModimoPesalema. Ya moopedi yo mogolo, sefela.

1Dudueletsa Modimo,

ka modumo wa boitumelo,

wena lefatshe lotlhe:

2Opelela godimo

kgalalelo ya leina la one;

galaletsa pako ya one.

3Raya Modimo o re:

“Ana ditiro tsa gago

di boitshega jang!

Baba ba gago ba tlaa ineela

mo go wena ka ntlha ya

bogolo jwa thata ya gago.

4Lefatshe lotlhe le tlaa go obamela,

le tlaa go opelela;

ba tlaa opelela leina la gago.” Sela.

5Tlang, lo bone ditiro tsa Modimo;

o a boitshega mo go direng ga one

mo baneng ba batho.

6 Lewatle o kile wa le fetola

lefatshe le le omeletseng;

ba ralala noka ka dinao;

gone foo, ra itumela mo go one.

7O busa ka nonofo ya one

ka bosakhutleng;

matlho a one a tlhokometse merafe;

a batsuolodi ba se ikgodise. Sela.

8A ko lo bakeng Modimo wa rona,

lona ditšhaba,

lo utlwatse lentswe la pako ya one;

9o o tshegeleditseng mowa wa rona

mo botshelong, o bo o sa leseletse

dinao tsa rona go tshikinyega.

10Gonne wena Modimo o re lekile;

o re lekile

jaaka selefera se tle se lekwe.

11O ne wa re tlisa mo lotloeng;

wa baya mokgweleo o o botlhoko

mo dinokeng tsa rona.

12Ba ba pagameng o ba re tlodisitse

godimo ga ditlhogo tsa rona;

ra ralala molelo le metsi;

wa re ntshetsa

kwa felong fa go letlotlo.

13Ke tlaa tsena mo ntlong ya gago

ka ditshupelo tsa phiso,

ke tlaa go lefela maikano a me,

14a dipounama tsa me di a boletseng,

le a molomo wa me o a buileng,

jale ka ke le mo pitlaganong.

15Ke tlaa go isetsa ditshupelo tsa phiso,

tsa tse di nonneng,

di na le maswalo a diphelefu;

ke tlaa isa dikgomo

di na le dipodi tshupelo. Sela.

16Ntlong lo utlweng,

lona lotlhe ba lo boifang Modimo,

mme ke tlaa kakanya

se o se diretseng mowa wa me.

17Ke ne ka tlhaeletsa

kwa go one ka molomo wa me,

wa ba wa bakwa thata

ka loleme lwa me.

18Fa nkabo ke ne ka tsaya boikepo tsia

mo pelong ya me,

Jehofa o ne a tlaa se ke a reetse.

19Ruri Modimo o utlwile; o tsere

lentswe la morapelo wa me tsia.

20A go bakwe Modimo

o o se kang wa faposa

morapelo wa me,

le fa e le boutlwelobotlhoko jwa one

go bo faposa mo go nna.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help