PESALEMA 25 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go kaelwa le go sirelediwaPesalema ya ga Dafite.

1Ke tsholeletsa mowa wa me

kwa go wena, Jehofa.

2Modimo wa me, ke ikantse mo go

wena, a ke se tlhajwe ke ditlhong,

a baba ba me ba se njele koma.

3Ee, mo go bone

ba ba go lebeletseng,

ga go na ope yo o tlaa tlhajwang

ke ditlhong;

go tlaa tlhajwa ke ditlhong bone

ba ba dirang ka mooko ka bomo.

4Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa;

o nthute ditsela tsa gago.

5Ntsamaisa mo boammaaruring

jwa gago o bo o nthute;

gonne ke wena

Modimo wa poloko ya me;

ke lebelela mo go wena

ka letsatsi lotlhe.

6Jehofa, gakologelwa

mautlwelobotlhoko a gago

a manana,

le mapelonomi a gago a lorato;

gonne a ntse a le gone

e sa le bogologolo.

7O se ka wa gakologelwa

maleo a jale ke sa le lekau,

le fa e le ditlolo tsa me;

o nkgakologelwe ka fa

bopelonoming jwa gago jwa lorato,

ka ntlha ya molemo wa gago Jehofa.

8Jehofa o molemo le thokgamo;

ke gone ka moo o tlaa rutang baleofi

ka ga tsela.

9Ba ba pelonolo o tlaa ba tsamaisa

mo tshiamisong;

ba ba pelonolo o tlaa ba ruta

tsela ya gagwe.

10Ditsela tsotlhe tsa ga Jehofa

di bopelonomi jwa lorato

le boammaaruri fela mo go bone

ba ba bolokang kgolagano ya gagwe

le ditshupo tsa gagwe.

11Ka ntlha ya leina la gago Jehofa,

o tle o itshwarele boikepo jwa me,

gonne bo bogolo.

12Motho ke ofe yo o boifang Jehofa?

Ke ene o tlaa mo rutang

mo tseleng e o tlaa e itshenkelang.

13Mowa wa gagwe o tlaa aga

o iketlile;

losika lwa gagwe lo tlaa rua lefatshe.

14Maoma a ga Jehofa

a na le ba ba mmoifang;

mme o tlaa ba supetsa

kgolagano ya gagwe.

15Matlho a me

a ntse a lebile Jehofa fela ka gale;

gonne o tlaa phamola dinao tsa me

mo lotloeng.

16Retologela kwa go nna,

o nkutlwele botlhoko;

gonne ke swafetse,

ke patikegile.

17Dikhuduego tsa pelo ya me

di goletse pele;

a o ko o nntshe

mo dipitlaganong tsa me.

18Sekaseka patikego ya me

le thekisego ya me;

mme o itshwarele maleo a me otlhe.

19Sekaseka baba ba me,

gonne ba bantsi;

ba nkila ka kilo e e bolalome.

20A ko o dibele mowa wa me,

mme o nkgolole;

a ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong,

gonne ke ikanya mo go wena.

21A botlhoka molato le thokgamo

di mpoloke,

gonne ke lebeletse mo go wena.

22Modimo, golola Iseraele,

o mo ntshe mo dikhuduegong

tsotlhe tsa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help