1Go na le bosula bongwe jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, mme bo ketefaletse batho.
2Monna yo Modimo o mo nayang dikhumo, le thuo, le tlotlo, a bile a sa tlhokele mowa wa gagwe sepe sa dilo tsotlhe tse o di eletsang, le fa go ntse jalo Modimo o sa mo neye thata ya go ja ga tsone, mme di jewe ke moeng; mo ke boithamako, e bile ke pobolo e e bosula.
3Fa motho a tshola bana ba le lekgolo, mme a tshela dinyaga di le dintsi, metlha ya dinyaga tsa gagwe e ba e nna mentsi, mme mowa wa gagwe o sa tladiwe ka molemo, gape a sa bone phitlho; ka re phetelo e molemo bogolo go ene;
4ka gonne e tla e le lefela, e feta ka lefifi, le leina la yone le khurumediwe ke lefifi;
5gape ga e a ka ya bona letsatsi, le fa e le go le itse; e na le boikhutso bogolo go motho yole.
6Ee, le fa a ka tshela dinyaga di le 2 000; le fa go ntse jalo a sa je molemo ope monate, a botlhe ga ba ye felong go le gongwe fela?
7Letsapa lotlhe la motho ke ka ga legano la gagwe, le fa go ntse jalo pelo ya go ja ga e kgore.
8Gonne yo o botlhale o gaisa seeleele ka eng? Kgotsa motho wa mohumanegi yo o itseng go sepela fa pele ga batshedi o na le eng?
9Pono ya matlho e molemo bogolo go kgarakgatshego ya keletso; se le sone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.
10Sengwe le sengwe se se kileng sa nna, leina la sone le se reilwe bogologolo, go a itsiwe fa e le motho; le gone ga a kake a ganela le ene yo o thata bogolo go ene.
11E re ka go na le dilo di le dintsi tse di totisang boithamako, go na le thuso yang mo mothong?
12Gonne e mang yo o itseng se se molemo mo mothong mo botshelong jwa gagwe, mo metlheng yotlhe ya botshelo jwa gagwe jwa boithamako, jo o bo fetisang jaaka moriti fela? Gonne e mang yo o ka bolelelang motho se se tlaa nnang morago ga gagwe tlase ga letsatsi!
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
