1 Ntla, go bile go bolelwa ka ga lona fa go na le boaka mo go lona, e bile e le boaka jo bo seyong le fa e le mo go Baditšhaba, jaaka go twe mongwe wa lona o na le mosadi wa ga rraagwe.
2Mme lo ikgogomositse, mme lwa se ka lwa lela bogolo, gore yo o dirileng tiro e a tlosiwe mo gare ga lona.
3Gonne nna ruri, le fa ke seyo mo mmeleng, mme ke le teng mo moweng, ke setse ke sekisitse yo o dirileng tiro e e ntseng jalo, jaaka e kete ke ne ke le teng;
4e re lo phuthegile, lo na le mowa wa me, le thata ya Morena wa rona Jesu, ka re: Mo ineng la Morena wa rona Jesu,
5yo o ntseng jalo, lo mo neele Satane, gore go senngwe nama, gore mowa o bolokwe mo tsatsing la Morena Jesu.
6 Go ikgantsha ga lona ga go molemo. A ga lo itse fa sebediso se le sennye se tle se bedise boupe jotlhe?
7 Tlosetsang ruri sebediso se segologolo, gore lo nne boupe jo boša, fela jaaka lo sa bedisega. Gonne le yone Tlolaganyo ya rona e isitswe setlhabelo, e bong Keresete.
8 Ke gone, a re direng modiro, e seng ka sebediso se segologolo, le fa e le ka sebediso sa kilo le sa boikepo, mme e leng ka senkgwe se se sa bedisiwang sa bopeloephepa le boammaaruri.
9Ke lo kwaletse mo lokwalong lwa me ka re, lo se ka lwa nna le bokopano le baakafadi;
10ka bo ke sa reye baakafadi ba lefatshe fela, le fa e le baiphetlhi le baikgagapeledi, le fa e le baobamedi ba medimo ya disetwa; gonne jalo e tlaa bo e le gore lo tswe mo lefatsheng.
11Mme gompieno ke lo kwalela gore e tle e re fa go na le motho yo o bidiwang modumedi, mme a le moakafadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re yo o ntseng jalo, nnyaa, lo se ka lwa tlwaelana nae le fa e le go ja nae.
12Gonne ke dirang ka go sekisa ba ba kwa ntle? A ga lo sekise ba ba mo teng?
13 E tswa ba ba kwa ntle bone Modimo o a ba sekisa. Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
