1Jaana ba, e ne e le bomorwa Dafite ba o ba bonyeng kwa Heberone: wa ntlha Amenone wa ga Ahinoame mosadi wa Mojesereele; wa bobedi, Daniele wa ga Abigaile mosadi wa Mokaremele;
2wa boraro, Abesalome morwa Maaka morwadia Talemai kgosi ya Gešure; wa bone, Atonija morwa Hagithe;
3wa botlhano, Shefatia wa ga Abitale; wa borataro, Ithereame wa ga Egela mosadi wa gagwe.
4 A bona ba le barataro mo Heberone; mme a busa ka dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro gone; mo Jerusalema a busa ka dinyaga di le 33.
5 Mme ba, a ba bona mo Jerusalema: Shimee, Shobabe, Nathane le Solomone, ke ba bane ba ga Bathešua morwadia Amiele;
6Ibehare, Elišame, Elifelete,
7Noga, Nefege, Jafia,
8Elišame, Eliate le Elifelete, ba fera o le mongwe fela.
9Botlhe ba, e ne e le bomorwa Dafite, kwa ntle ga bomorwa bagadingwana ba gagwe; Tamare e ne e le kgaitsadia bone.
Lotso lwa ga kgosi Solomone10Morwa Solomone e ne e le Rehoboame, Abija morwawe, Ase morwawe, Jehošafate morwawe;
11Jorame morwawe, Ahasia morwawe, Joaše morwawe;
12Amasia morwawe, Asaria morwawe, Jothame morwawe;
13Ahase morwawe, Hesekia morwawe, Manase morwawe;
14Amone morwawe, Josia morwawe.
15Bomorwa Josia: motsalwapele Johanane, wa bobedi Jehoiakime, wa boraro Setekia, wa bone Shalume.
16Bomorwa Jehoiakime: Jekonia morwawe, Setekia morwawe.
Lotso lwa ga kgosi Jehoiakime17Bomorwa Jekonia wa mogolegwa: Shealetiele morwawe,
18Malekirame, Petaia, Shenasare, Jekamia, Hošame, Netabia.
19Bomorwa Petaia ke Serubabele le Shemei; bomorwa Serubabele: Mešulame le Hanania; Shilomethe e ne e le kgaitsadia bone;
20le Hašuba, Ohele, Berekia, Hasadia le Jušabe-hesete; ba ba tlhano.
21Bomorwa Hanania: Pelatia le Ješaia; bomorwa Refaia; bomorwa Arenane, bomorwa Obadia, bomorwa Shekania.
22Bomorwa Shekania: Shemaia; le bomorwa Shemaia: Hatuše, Igale, Baria, Nearia le Shafate; ba barataro.
23Bomorwa Nearia: Elioenai, Hisikia le Aserikame, ba bararo.
24Bomorwa Elioenai: Hotafia, Eliašibe, Pelaia, Akube, Johanane, Delaia le Anani; basupa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
