PESALEMA 147 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya Modimo Mothatayotlhe

1Bakang Jehofa;

gonne go molemo

go opelela Modimo wa rona dipako,

gonne go monate,

mme pako e tshwanetse.

2Jehofa o agelela Jerusalema;

o phutha balatlhiwa ba Iseraele.

3O fodisa ba ba pelo di phatlogileng,

o fapa matsanko a bone.

4O bolela palo ya dinaledi,

o di raya maina tsotlhe fela.

5Morena wa rona o mogolo,

o senatla mo nonofong;

tlhaloganyo ya gagwe

ke mo go se nang kankabetso.

6Jehofa o tshegetsa bapelonomi;

mme o folosetsa baikepi fa fatshe.

7Opelelang Jehofa ka tebogo;

opelelang Modimo wa rona dipako

ka harepe.

8O o khurumetsang legodimo

ka maru,

o o baakanyetsang lefatshe pula,

o o tlhogisang bojang mo dithabeng.

9O fa dikgomo dijo tsa tsone,

le mamphorwana a mahukubu

a a lelang.

10Ga o natefelwe ke thata ya pitse;

ga o na kgatlhego

mo maotong a motho.

11Jehofa o kgatlhega

mo go ba ba mmoifang,

mo go ba ba solofelang

mo boutlwelongbotlhoko jwa gagwe.

12Baka Jehofa, wena Jerusalema;

baka Modimo wa gago wena Sione.

13Gonne o thatafaditse mephakalego

ya ditswalo tsa gago;

o segofaditse bana ba gago

mo teng ga gago.

14O dira kagiso

mo melelwaneng ya gago;

o go kgorisa setou sa mabele

se se boleta bogolo.

15O ntshetsa taolo ya one

kwa lefatsheng;

lefoko la one

le siane ka thata e kgolo.

16O aba kapoko e nne jaaka bobowa;

a gase kgogotshwane,

e nne jaaka melora.

17O latlhela sefako sa one,

se nne jaaka dikgapetlana;

e mang yo o ka itshokelang

letsididi la one?

18O ntsha lefoko la one,

o di tlhapolose;

o fokise phefo ya one,

mme metsi a elele.

19O supetsa Jakobe lefoko la one,

ditao tsa one

le ditshiamiso tsa one

mo go Iseraele.

20Ga o ise o ko o direle morafe ope

jalo;

mme ka ga dikatlholo tsa one,

ga ba ise ba ke ba di itse.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help