1A Modimo o nne
boutlwelobotlhoko
mo go rona, o re segofatse,
o re phatsimisetse sefatlhogo sa one;
Sela,
2gore tsela ya gago
e itsiwe mo lefatsheng,
le phodiso ya gago e e bolokang
mo merafeng yotlhe.
3A ditšhaba di go bake Modimo,
a ditšhaba tsotlhe di go bake.
4A merafe e ke e ipele,
e opele ka boitumelo,
ka gobo o tlaa atlhola ditšhaba
ka tekatekanyo,
o ba o busa merafe mo lefatsheng.
Sela.
5A ditšhaba di go bake, Modimo;
a ditšhaba tsotlhe di go bake.
6Lefatshe le ntshitse totafalo ya lone;
Modimo, e bong Modimo wa rona
tota, o tlaa re segofatsa.
7Modimo o tlaa re segofatsa;
mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe
di tlaa o boifa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
