PESALEMA 69 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Selelo sa bohutsanaPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Shošanime.

1Mpoloka Modimo, gonne

metsi a tseneletse mowa wa me.

2Ke roromela mo morageng o o

boteng, kwa go se nang boemo;

ke fitlhile mo metsing a a boteng,

kwa merwalela e nkhurumetsang

gone.

3Ke lapisitswe ke go lela ga me;

memetso ya me e phaphaletse;

matlho a me a tlhaela

ka ke lebeletse Modimo wa me.

4 Ba ba ntlhoileng ka bomo fela

ba bantsi bogolo go meriri

ya tlhogo ya me;

ba ba ratang ba kabo ba nkgaola,

e le baba ba me ka go sa siamang,

ba thata thata;

gone foo, ka rebola

se ke sa se tsayang.

5Modimo o a bo itse boeleele

jwa me;

le maleo a me ga a go subegela.

6Ba ba go lebeletseng

a ba se tlhajwe ke ditlhong

ka nna, Jehofa, Modimo wa

masomosomo; ba ba go batlang

a ba se tlisiwe mo tlotlologong ka

nna, Modimo wa Iseraele.

7Gonne ke bogisegile kgobo

ka ntlha ya gago;

ditlhong di bipile sefatlhogo sa me.

8Ke ntse moeng mo go bomorwa rre;

ke motho o sele

mo baneng ba ga mme.

9 Gonne tlhoafalelo ya ntlo ya gago

e njele;

e bile dikgobo tsa ba ba go kgobang

di wetse mo go nna.

10E rile ke lela

ke otlhaya mowa wa me

ka go ikitsa go ja,

ya nna kgobo mo go nna.

11E rile ke dira letsela la kgetse

go nna seaparo sa me, ka tloga

ka tswa seane mo go bone.

12Ba ba tleng ba dule fa kgorong

ba bua ka ga me;

ke bile ke pina ya matagwa.

13Ka ga me, morapelo wa me

o koo go wena, Jehofa,

mo motlheng o o lebosegang;

Modimo, mo bontsing

jwa boutlwelobotlhoko jwa gago,

o nkarabe mo boammaaruring

jwa poloka ya gago.

14Ntshwatola mo morageng,

mme o se ka wa ntesa ka roromela;

a ke gololwe mo go ba ba ntlhoileng,

mme ke tswe mo metsing

a a boteng.

15A morwalela wa metsi

o se mphikame;

le gone a bodiba jo bo botengteng

bo se ka jwa nkometsa,

mme molete o se ntswalele molomo

ke le mo teng.

16Nkaraba, Jehofa,

ka gobo bopelonomi jwa gago

jwa lorato bo molemo,

ka fa bontsing

jwa mapelonolo a manana a gago,

retologela kwa go nna.

17O se ka wa subela motlhanka

wa gago sefatlhogo sa gago;

gonne ke mo pitlaganong;

nkaraba ka bonako.

18Atamela mowa wa me, o o golole;

nthekolola ka ntlha ya baba ba me.

19Kgobo ya me o a e itse,

le ditlhong tsa me,

le tlotlologo ya me;

baganetsi ba me botlhe fela

ba fa pele ga gago.

20Kgobo e phatlotse pelo ya me;

ke imelesegile pelo,

ka senka bangwe

ba ba ka tlhomogang pelo;

mme go ne go se na ope;

le bagomotsi,

mme ka se ka ka bona ope.

21 Ba bile ba nnaya santlhokwe

go nna sejo sa me;

le mo go nyorweng ga me

ba nnaya bojalwa jo bo botšarara

go bo nwa.

22 A lomati lwa bojelo lwa bone

lo tswe serai fa pele ga bone;

a e re ba le mo kagisong,

lo tle lo nne seru fela.

23A matlho a bone a fifale

gore ba se bone;

o bo o roromise ditheka tsa bone

ka metlha yotlhe.

24Ba goromeletse bogale jwa gago,

mme a kgakalo ya bogale jwa gago

e ba tshware.

25 A boago jwa bone

bo nne tshwafalo fela;

a go se age ope

mo megopeng ya bone.

26Gonne ba bogisa ene

yo o mo iteileng;

ba bolele bohutsana

jwa ba o ba kwenesitseng.

27Oketsa boikepo jwa bone ka

boikepo, mme ba se tle

mo tshiamong ya gago.

28 A ba phimolwe

mo lokwalong lwa botshelo,

ba se ka ba kwalwa le basiami.

29Nna ke lehuma fela,

le bohutsana fela;

a poloka ya gago Modimo

e mpeye kwa godimo.

30Ke tlaa baka leina la Modimo

ka sefela;

ke tlaa o goletsa

ka go ntsha malebogo.

31Go tlaa kgatlha Jehofa

bogolo go kgomo,

le fa e le pholo

e e nang le dinaka le ditlhako.

32Bapelonomi ba go bonye,

mme ba itumela;

lona ba lo senkang Modimo,

a pelo tsa lona di tshele.

33Gonne Jehofa o utlwa batlhoki,

o bile a sa nyatse bagolegwi

ba gagwe.

34A legodimo le mmake le lefatshe,

le mawatle,

le tsotlhe tse di bukunyang

mo go one.

35Gonne Modimo o tlaa boloka Sione,

o tlaa aga metse ya Juta;

mme ba tlaa nna gone,

ba tlaa nna nayo

e le boswa jwa bone.

36Losika lwa batlhanka ba one

le lone lo tlaa go rua;

le ba ba ratang leina la one

ba tlaa aga gone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help