DITIRO 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Monna wa segole o a fodisiwa

1Jaana Petere le Johane ba tlhatlogela kwa tempeleng, ka lobaka lwa thapelo e e leng nako ya boraro ya maitseboa.

2Mme monna mongwe yo o sa leng a nnana a sa tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe, a bo a rwelwe, yo ba ne ba tle ba mmeye ka malatsi otlhe fa kgorong ya tempele e go tweng Bontle, gore a nne a kope ba ba tsenang mo tempeleng;

3ya re a bona Petere le Johane, fa ba tlaa tsena mo tempeleng, a ba kopa.

4Mme Petere a mo tlhoma matlho, a na le Johane, mme a re: “Re lebe.”

5A ba tsepega matlho, a solofela gore o tlaa bona sengwe mo go bone.

6Mme Petoro a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso sone ke a se go naya. Ka re: Mo ineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, tsamaya ka dinao.”

7A mo tshwara ka seatla se segolo a mo emisa; ka bonako dinao tsa gagwe le magwejana a gagwe tsa thatafala.

8A tsapoga a ema, a simolola go tsamaya; mme a tsena nabo mo tempeleng a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo.

9Batho botlhe ba mmona a tsamaya ka dinao, a baka Modimo.

10Ba mo lemoga fa e le ene yo o ne a tle a nnele go kopa fa kgorong ya tempele e go tweng Bontle; mme ba tlala kgakgamalo le tseano ka ga se se mo dirafaletseng.

Molaetsa wa ga Petoro mo tempeleng

11E rile jaaka a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela mo mathuding a go tweng a ga Solomone, ba gakgametse thata.

12E rile Petere a bona jalo, a raya batho a re: “Lona banna ba Iseraele lo gakgamaletseng ka ga monna yo? Lo tlhometseng matlho mo go rona jaaka e kete re mo tsamaisitse ka thata e e leng ya rona, kgotsa ka boitshepo jwa rona?

13 Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe, Modimo wa borraetsho, o galaleditse Jesu Motlhanka wa one; yo lona lo mo neetseng batho, lwa mo itatola fa pele ga sefatlhogo sa ga Pilato; jale jaaka a ne a ikaeletse go mo golola.

14 Mme lwa itatola Moitshepi le Mosiami, lwa lopa mmolai wa batho gore lo mo neelwe;

15lwa bolaya Kgosana ya botshelo, yo Modimo o mo tsositseng mo losong; mo re leng basupi ba gone.

16Ke ka go dumela mo ineng la gagwe, leina la gagwe le thatafaditse monna yo, yo lo mmonang lo mo itseng; ee, tumelo e e tlang ka ene e mo neile boitekanelo jo bo fedileng jo, fa pele ga lona lotlhe.

17“Jaana, bakaulengwe, ke a itse fa lo dirile jalo ka go tlhoka go itse, jaaka le bone balaodi ba lona ba dirile.

18Dilo tse Modimo o di supileng gale ka molomo wa baperofeti botlhe, e bong gore, Keresete wa one o tlaa bolawa, ka re, o di dirafaditse jalo.

19Ke gone, ikwatlhayeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, gore go tlo go tle metlha ya thudiso jalo, e e tswang fa pele ga Morena;

20le gore a rome ene Keresete yo o lo laoletsweng e bong Jesu,

21yo legodimo le nang le go mo tshola go bo go tle go fitlha le metlha ya tsosoloso ya dilo tsotlhe, e Modimo o buileng ka ga yone ka molomo wa baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba sa leng ba le yo le kwa tshimologong ya lefatshe.

22 Moše le ene o rile: ‘Morena Modimo o tlaa lo tsosetsa moperofeti, a tswa bakaulengweng ba lona, jaaka a tsositse nna; ene lo tlaa mo reetsa mo dilong tsotlhe fela tse o tlaa di buang le lona.

23 Go tlaa nna gore, motho mongwe le mongwe yo o se ketlang a reetsa moperofeti yo, o tlaa senyediwa ruri mo bathong.’

24Ee, le baperofeti botlhe, go simolola ka Samuele, le ba ba tsileng morago, e bong botlhe ba ba buileng, le bone ba boletse ka ga metlha e.

25 Lona lo bomorwa baperofeti, le ba kgolagano e Modimo o e dirileng le borraeno, wa raya Aberahame wa re: ‘Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala ka losika lwa gago.’

26E rile Modimo o sena go tsosa Motlhanka wa one, wa mo roma kwa go lona pele go lo segofatsa, ka go sokolola mongwe le mongwe wa lona mo maikepong a gagwe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help