1Ga dirala, e rile a sena go khutla go bua le Saule, mowa wa ga Jonathane wa logakana le mowa wa ga Dafite, Jonathane a mo rata jaaka a ithata.
2Saule a mo tsaya ka tsatsi leo, mme a se ka a tlhola a mo leseletsa go ya ga gabo kwa ntlong ya ga rraagwe.
3Foo Jonathane le Dafite ba dira kgolagano ka a mo rata jaaka a ithata.
4Jonathane a ikapola kobo e e mo go ene, a e naya Dafite, le diaparo tsa gagwe, le e leng yone tšhaka ya gagwe, le bora jwa gagwe, le moitlamo wa gagwe.
5Dafite a nna a ya gongwe le gongwe kwa Saule o mo romang gone, a dira ka tlhaloganyo; Saule a mo laodisa banna ba ntwa, mme ga nna molemo mo matlhong a batho botlhe, le mo matlhong a batlhanka ba ga Saule.
Saule o hufegela Dafite6Ya re ba tla, ka Dafite a boa kwa go bolayeng Mofilisitia, basadi ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele, ba duduetsa, ba bina, ka boitumelo ba tla go kgatlhantsha kgosi Saule ka meropana le ka diletso.
7 Basadi ya re ba letsa ba fetolana ka dipina ba re:
“Saule o bolaile
ba makgolo a masome ba gagwe,
mme Dafite o bolaile
ba makgolo a makgolo ba gagwe.”
8Saule a nna bogale thata, polelo eo ya mo itumolola; mme a re: “Ba neile Dafite ba makgolo a makgolo, nna ba nnaya ba makgolo a masome fela; mme o ka ba a bonang gape fa e se bogosi fela?”
9Saule a dilola Dafite ka matlho go simolola ka tsatsi leo go ya kwa pele.
10Ga dirala ya re ka moso, mowa mongwe o o busula o o tswang Modimong wa tla ka thata mo go Saule, a phokelela mo teng ga ntlo; Dafite a letsa ka letsogo jaaka a tle a dire ka malatsi otlhe, Saule a bo a tshotse lerumo la gagwe.
11Saule a mo konopa ka lerumo; gonne a re: “Dafite ke tlaa mo phololeletsa fela fa lomoteng.” Dafite a tila a tswa fa pele ga gagwe gabedi.
12Saule a boifa Dafite, ka Jehofa a ne a nna nae, mme mo go Saule Jehofa a tlogile.
13Ka ntlha ya gone moo Saule a mo tlosa fa go ene, a mo dira kgosana ya gagwe, a laola ba makgolo a some; a nna a tswa a tsena fa pele ga batho.
14Dafite a dira ka tlhaloganyo mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe fela; Jehofa a nna nae.
15E rile Saule a bona fa a dira ka tlhaloganyo e kgolo fela, a mmoifa a tlhabegile.
16Botlhe ba Iseraele le Juta ba bo ba rata Dafite; gonne a nna a tswa a tsena fa pele ga bone.
Dafite o nyala morwadia Saule17Saule a raya Dafite a re: “Bona, morwadiake yo mogolo Merabe, ke tlaa mo go naya go nna mosadi wa gago; o nne pelokgale fela ntlheng ya me go tlhabana ditlhabano tsa ga Jehofa.” Gonne Saule a ithaya, a re: “A seatla sa me ke se ka ka se baya mo go ene, mme a seatla sa Bafilisitia se nne mo go ene.”
18Dafite a raya Saule, a re: “Ke mang, le botshelo jwa me ke eng, kgotsa losika lwa ga rre mo Iseraele, fa e ka bo ne ne fano ke ka nna mogwe wa kgosi?”
19Mme e rile ka lobaka lo Merabe morwadia Saule o ka bong a neilwe Dafite ka lone, a newa Ateriele wa Momehola go nna mosadi.
20Mikale morwadia Saule a bo a rata Dafite; mme ba bolelela Saule, mme selo seo sa mo kgatlha.
21Saule a re: “Ke tlaa mo mo naya, gore a tle a nne serai mo go ene, le gore, seatla sa Bafilisitia se tlhabane nae.” Ke gone ka moo Saule a raya Dafite a re: “Gompieno o tlaa nna mogwe wa me lwa bobedi.”
22Saule a laola batlhanka ba gagwe a re: “Sebetsang Dafite lo re: ‘Bona, kgosi e kgatlhega mo go wena le batlhanka ba gagwe botlhe ba a go rata; mme ra re o nne mogwe wa kgosi.’ ”
23Batlhanka ba ga Saule ba sebela Dafite mafoko a. Dafite a re: “Mo matlhong a lona a ke sengwe se se motlhofo go nna mogwe wa kgosi, ka ke le motho wa sehumanegi, mme ke kaiwa selo fela?”
24Batlhanka ba ga Saule ba mmolelela ba re: “Dafite o ne a bua ka go re, ka go re.”
25Saule a re: “Lo reye Dafite jaana lo re: ‘Kgosi ga e batle bogadi fa e se nama ya ditlhong ya Bafilisitia ba le lekgolo fela, go tla a itefetsa mo babeng ba kgosi.’ ” Saule a bo a gopotse go bolaya Dafite ka diatla tsa Bafilisitia.
26E rile batlhanka ba gagwe ba bolelela Dafite mafoko ao, ga kgatlha Dafite thata go nna mogwe wa kgosi. Mme malatsi a bo a ise a fele,
27Dafite a tloga a tsamaya, ene le banna ba gagwe, mme ba bolaya Bafilisitia e le banna ba le 200; Dafite a lere nama ya bone ya ditlhong, ba di naya kgosi ka palo e e tletseng, gore a tle a nne mogwe wa kgosi. Saule a mo naya Mikale morwadie go nna mosadi wa gagwe.
28Saule a bona a ba a itse fa Jehofa a nna le Dafite; Mikale morwadia Saule a mo rata.
29Saule a fela a boifa Dafite bogolo; Saule a nna mmaba wa ga Dafita ka metlha yotlhe.
30Foo dikgosana tsa Bafilisitia tsa bolola; mme gongwe le gongwe fa di bolola, Dafita a dire ka tlhaloganyo bogolo go batlhanka botlhe ba ga Saule; leina la gagwe la ba la tla la tlotlwa thata.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.