1E rile re le fa dinokeng tsa
Babilone, ra dula gone,
ee, ra lela,
ka re gakologelwa Sione.
2Ra pega diharepe tsa rona
mo madubunokeng a a fa gare
ga tsone.
3Gonne ba ba re isitseng gone
re le ditshwarwa ba re: Re opele;
le ba ba re swafaditseng
ba re raya ba re: Re dire mokete;
ba re: “Re opelele sengwe sa difela
tsa Sione.”
4Kana, re ka opela jang sefela sa ga
Jehofa mo lefatsheng la seeng?
5A e re fa nka go lebala,
wena Jerusalema,
a seatla sa me se segolo
se lebale maatlametlo a sone.
6A loleme lwa me
lo ngaparele magalapa a me,
fa ke sa go gopole,
fa ke sa godise Jerusalema
godimo ga boitumelo jwa me
jo bogolo.
7Jehofa, a ko o gopole
motlha wa Jerusalema,
o sekise bana ba Etome ka ga one,
ba ba rileng: “O rutleng,
o rutleleng go fitlha kwa motheong
wa one.”
8 Ao! Wena morwadia Babilone,
o na le go senngwa fela;
go tlaa nna sego
ene yo o tlaa go duelang fela
jaaka o diretse rona.
9Go tlaa nna sego ene
yo o tlaa tsayang dirathana tsa gago
a di phatlakanya mo lefikeng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
