SEFANIA 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Katlholo le tsholofetso ya Jerusalema

1A bo go latlhega ene yo o serukhutlhi yo o itshekologileng, e bong motse o o patikang!

2Ga o a ka wa utlwa lentswe; ga o a ka wa amogela thuto; ga o a ka wa ikanya mo go Jehofa; ga o a ka wa atamela Modimo wa one.

3Dikgosana tsa one mo gare ga one ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba one ke matlonkana a lotlatlana; ga a sadisetse moso sepe.

4Baperofeti ba one ke batho ba ba bofafalele ba bonongwana, baperesiti ba one ba tlhapaditse felo ga boitshepo, ba sokile molao.

5Jehofa o tshiamo mo gare ga one; ga a ketla a dira boikepo; o tle a ntshetse katlholo ya gagwe mo leseding ka meso le meso, ga a tlhaele; mme basiamolodi ga ba itse ditlhong.

6“Ke kgaotse merafe, dikago tsa yone tsa tlhabanelo tse di godileng di swafetse; ke kgakgabaditse mebila ya bone, go bo go se na ope yo o fetang; metse ya bone a sentswe, go bo go se na motho, go se na monni.

7Ke rile: O tlaa bo o mpoifa o tlaa amogela thuto; jalo bonno jwa one bo ne bo se ketla bo kgaolwa, ka fa go tsotlhe tse ke di o laoletseng; ba ne ba phakela ba senya ditiro tsotlhe tsa bone.

8“Ke gone, ntetang,” go bua Jehofa, “go tsamaya letsatsi le fitlha le ke tlaa nanogelang thopo ka lone; gonne boikaelelo jwa me ke go phutha merafe, gore ke kokoanye magosi, go tla ke gorometsa tšhakgalo ya me mo go one, e bong bogale jwa me jotlhe jo bo fisang; gonne lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la me.

9“Gonne foo ke tlaa fetolela ditšhaba puo e e itshekileng, gore ba bitse leina la ga Jehofa, go tla ba mo direla ka tumalano e le ngwe fela.

10Barapedi ba me, e bong morwadia bafaladi ba me, ba tlaa lere tshupelo ya me, ba tswa kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia.

11“E tlaa re mo motlheng oo ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong ka ditiro tsotlhe tsa gago, tse o tlodileng fa pele ga me ka tsone; gonne foo ke tlaa tlosa mo gare ga gago babelafadi ba gago ba ba gwantang, mme ga o ketla o tlhola o nna boikgodiso mo thabeng ya me e e boitshepo.

12Ke tlaa tlogela mo gare ga gago batho bangwe ba ba patikegileng, le ba ba humanegileng, mme ba tlaa ikanya leina la ga Jehofa.

13 Masalela a Iseraele ga a ketla a dira boikepo, le fa e le go bua maaka, loleme lo lo tsietsang ga lo ketla lo fitlhelwa mo melomong ya bone; gonne ba tlaa ja ba robala, mme ga go na ope yo o tlaa ba boifisang.”

Sefela sa boitumelo

14Opela, wena morwadia Sione;

thela lošalaba, wena Iseraele;

o ipele o itumele ka pelo yotlhe

wena morwadia Jerusalema.

15Jehofa o tlositse

ditshekiso tsa gago;

o lelekile mmaba wa gago;

kgosi ya Iseraele, e bong Jehofa

o mo gare ga gago;

ga o ketla o tlhola o boifa bosula.

16Mo motlheng oo

go tlaa rewa Jerusalema go twe:

“O se ka wa boifa, wena Sione,

a diatla tsa gago di se repe.

17Jehofa Modimo wa gago

o mo gare ga gago,

e le mothata yo o tlaa bolokang;

o tlaa go itumelela ka boitumelo,

o tlaa ritibala

mo loratong lwa gagwe,

o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”

18“Ke tla phutha

ba ba hutsafalelang

phuthego e e masisi,

ba e neng e le ba gago;

ba mokgweleo o o mo go ene

e neng e le kgobo mo go bone.

19Bonang,

e tlaa re ka motlha oo

ke tlaa tsena mo mafokong

a botlhe ba ba go patikang;

mme ke tlaa phutha ene

yo o ne a lelekilwe;

ke tlaa ba dira pako le leina,

e bong bone ba ditlhong tsa bone

di ntseng di le mo lefatsheng

lotlhe.

20Mo motlheng oo

ke tlaa lo lere mo teng,

mo motlheng oo ke tlaa lo phutha;

gonne ke tlaa lo dira leina la pako

mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe,

mogang ke lo busang

mo botshwarong

fa pele ga matlho a lona,”

go bua Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help