JEREMIA 46 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Egepeto o fenya Karekemiše

1Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Jeremia moperofeti ka ga merafe.

2 Ka ga Egepeto; ka ga ntwa ya ga Faro Neko kgosi ya Egepeto, e e neng e le fa nokeng ya Euferatese, mo Karekemiše, e Nebukatenesare kgosi ya Babilone o e kgemethileng ka ngwaga wa bone wa ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta.

3“Baakanyang thejana le thebe,

mme lo atamele go tlhabana.

4Golegang dipitse,

palamang, lona bapalami,

ikemiseng ka ditlhoro tsa phemelo

tsa lona;

gotlhang marumo,

Aparang meitshomelo ya phemelo.

5Ana ke go bonye ka ntlha yang?

Ba a tseanngwa,

ba buseditswe kwa morago;

diganka tsa bone di batantswe,

mme di tshabile ka thata

di sa šebe kwa morago;

theregiso e mo ntlheng tsotlhe,

go bua Jehofa.

6Yo o bofefo a a se tshabe,

a seganka se se falole;

ntlheng ya botsheka

fa nokeng ya Euferatese ba kgopilwe

ba ole.

7“Emang yo,

yo o hohomogang jaaka Nile,

e metsi a yone a itlolakisang

jaaka dinoka?

8Egepeto o hohomoga jaaka Nile,

mme metsi a gagwe

a itlolakisa jaaka dinoka; mme a re:

‘Ke tlaa nanoga,

ke khurumetsa lefatshe;

ke tlaa senya motse le banni ba one.’

9Tlhatlogang, lona dipitse;

šakgalang, lona dikara;

mme a diganka tsa ntwa

di tswele pele;

ba Kuše le ba Pute,

ba ba itseng go tshwara thebe;

le Balute ba ba itseng

go tshwara le go oba bora.

10Gonne letsatsi leo

ke letsatsi lengwe la ga Jehofa,

Jehofa wa masomosomo,

letsatsi la tefetso,

gore a tle a itefetse

mo babeng ba gagwe;

mme tšhaka e tlaa suputsa, e kgora,

e tlaa nwa madi a bone ya kgora;

gonne Jehofa,

Modimo wa masomosomo

o na le tlhabelo

mo lefatsheng la botsheka

fa nokeng ya Euferatese.

11“Tlhatlogela kwa Gileate,

mme o tseye gone boroku

jo bo alafang,

wena morwadia Egepeto

wa kgarebana;

o nwela melemo e le mentsi lefela;

ga o na go fola.

12Merafe e utlwetse ditlhong tsa gago,

le lefatshe le tletse go goa ga gago;

gonne seganka se thulakanye

le seganka,

di ole tsoo pedi mmogo.”

Go tla ga Nebukatenesare

13 Lefoko le Jehofa o le buileng le Jeremia moperofeti, la ka fa Nebukatenesare kgosi ya Babilone o tlaa tlang ka gone a kgemetha lefatshe la Egepeto.

14“Bolelang mo Egepeto,

lo utlwatse mo Migetole,

lo bo lo utlwatse mo Nofe

le mo Tapanahese, lo re:

‘Ikemise, o ipaakanye;

gonne tšhaka e supuditse

mo tikologong ya gago.’

15Ana ba ba thata ba gago

ba kgopholetswe koo ka ntlha yang?

Ga ba a ka ba ema,

ka gonne Jehofa o ba kgophotse.

16O ne a kgopisa ba le bantsi,

ee, ba ne ba welana;

mme ba re:

‘Nanogang, a re boeleng

kwa bathong ba ga rona,

le kwa lefatsheng la ga rona,

re tswe mo tšhakeng

e e patikang.’

17Ba ne ba kua gone, ba re:

‘Faro, kgosi ya Egepeto

ke modumo fela,

o lesitse lobaka lo lo laotsweng

lwa feta.’

18“Jaaka ke tshedile, go bua Kgosi

e leina la yone e leng

Jehofa wa masomosomo, a re:

Ruri jaaka Tabore a ntse

mo gare ga dithaba,

le jaaka Karemele a ntse

fa lewatleng,

ene o tlaa tla jalo.

19Wena ngwana wa mosetsana

yo o agileng mo Egepeto,

ipaakanye go tla o ya botshwarong;

gonne Nofe

o tlaa nna tshwafalo fela,

o tlaa fisiwa, a tlhoka monni.

20“Egepeto ke kgomo ya moroba

e ntle thata;

mme tshenyego e e tswang ntlheng

ya botsheka e tsile, e tsile.

21Banna ba gagwe

ba ba thapilweng ka tuelo

ba ntse jaaka dinamane

tse di otlilweng

mo gare ga gagwe;

gonne le bone

ba buseditswe kwa morago,

ba tshabile mmogo,

ga ba a ka ba ema;

gonne letsatsi la tatlhego ya bone

le tsile mo go bone,

motlha wa tshekiso ya bone.

22“Mokgwasa wa one o tlaa tsamaya

jaaka wa noga;

gonne ba tlaa tsamaela gongwe

ka ntwa,

ba tlaa mo tlhasela ka dilepe,

jaaka baremi ba ditlhare.

23Ba tlaa rema sekgwa sa gagwe,

go bua Jehofa,

le fa se sa kake sa hukudiwa;

ka gonne ba feta tsie,

ba sena palo.

24Morwadia Egepeto

o tlaa tlhabisiwa ditlhong;

o tlaa tsenngwa mo seatleng

sa batho ba botsheka.”

25Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: “Bonang, ke tlaa kgopholola Amone wa No, le Faro, le Egepeto, a na le medimo ya gagwe, le dikgosi tsa gagwe; e bong Faro le ba ba ikanyang mo go ene.

26Ke tlaa ba tsenya mo seatleng sa ba ba batlang botshelo jwa bone, le mo seatleng sa ga Nebukatenesare kgosi ya Babilone, le mo seatleng sa batlhanka ba gagwe; mme morago ga moo o tlaa nnwa jaaka mo metlheng ya bogologolo,” go bua Jehofa.

Morena o tlaa boloka batho ba gagwe

27 “Wena Jakobe motlhanka wa me,

o se ka wa boifa,

se rerege, wena Iseraele;

gonne bona, ke tlaa go boloka

o le kwa kgakala,

le ba losika lwa gago

ba le kwa lefatsheng

la botshwaro jwa bone.

mme Jakobe o tlaa boa,

mme o tlaa nna mo thagamong

le mo boiketlong,

mme ga go na ope

yo o tlaa mmoifisang.

28Jakobe motlhanka wa me,

o se ka wa boifa,

go bua Jehofa;

gonne ke na nao;

gonne ke tlaa khutlisetsa ruri

merafe e ke go leleketseng

kwa go yone,

mme wena ga nketla

ke go khutlisetsa ruri;

mme ke tlaa go siamisa ka tekanyo,

ga nketla ke go lesa gope

o sa kgopololwa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help