JOŠUA 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Metse ya botshabelo e a tlhongwa

1 Jehofa a bua le Jošua a re:

2“Bua le bana ba Iseraele, o re: ‘Itaoleleng metse ya botshabelo e ke buileng le lona ka ga yone ka Moše,

3gore mmolai wa motho yo o bolayang motho ka matsheka, a sa itse, a tle a tshabele gone; e tlaa nna botshabelo mo go lona fa motho a tshaba mmusolosi wa madi.

4O tlaa tshabela kwa go mongwe wa metse eo, o tlaa ema fa botsenong jwa kgoro ya motse, a kakanya mafoko a gagwe mo ditsebeng tsa bagolwane ba motse; mme ba tlaa mo tsholela mo motseng, ba mo naya bonno, gore a age mo go bone.

5Fa mmusolosi wa madi a mo konatelela, foo ba se ka ba tsenya mmolai wa motho mo seatleng sa gagwe; gonne o bolaile wa ga gabo a sa itse, a sa mo ila gale.

6O tlaa aga mo motseng oo go tsamaya a ema fa pele ga phuthego go atlholwa, go tsamaya moperesiti yo mogolo wa motlha oo a swa; foo mmolai wa motho o ka boa, a tla mo motseng wa ga gabo, le mo ntlong ya gagwe, mo motseng o e rileng a tshaba a bo a tswa mo go one.’ ”

7Ba lomolola Keteše mo Galilea, mo lefatsheng la makgabana la Nafetali, le Shekeme mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, le Kiriathe-areba (ke one Heberone) mo lefatsheng la makgabana la Juta.

8Kwa moseja ga Joretane fa Jeriko ntlheng ya botlhabatsatsi, ba tlhoma Besere o o mo nageng mo lobaleng, e le wa lotso lwa ga Rubene, le Ramothe mo Gileate e le wa lotso lwa ga Gate, le Golane mo Bašane e le wa lotso lwa ga Manase.

9Eo, ke yone metse e e laoletsweng bana botlhe ba Iseraele le moeng yo o jakileng mo go bone, gore le fa e le mang yo o bolayang motho ka matsheka, a tle a tshabele gone, a se ka a swa ka seatla sa mmusolosi wa madi, go tsamaya a ema fa pele ga phuthego.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help