2 DITIRAFALO 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Merafe ya Bokone e tsogologela Rehoboame(1 Dikg 12:1-20)

1Rehoboame a ya Shekeme, gonne Baiseraele botlhe ba ne ba tsile mo Shekeme ba tla go mo dira kgosi.

2Ga dirala ya re Jeroboame morwa Nebate a go utlwela, (gonne o ne a le kwa Egepeto kwa o ne a tshabetse gone a tswa mo ponong ya kgosi Solomone), Jeroboame a bowa kwa Egepeto.

3Mme ba roma ba ya go mmitsa; Jeroboame a tla a na le Baiseraele botlhe, mme ba bua le Rehoboame ba re:

4“Rraago o ne a dira jokwe ya rona ya nna botlhoko; mme jaana wena, tlhofofatsa tirelo e e botlhoko ya ga rraago, le jokwe e e bokete e o ne a e baya mo go rona, mme re tlaa go direla.”

5Mme a ba raya a re: “Lo tle lo tle gape kwa go nna go sena go feta malatsi a le mararo.” Mme batho ba tsamaya.

6Kgosi Rehoboame a gakololana le bannabagolo ba ba neng ba ema fa pele ga Solomone rraagwe a sa ntse a tshedile, a re: “Lo nnaya kgakololo efe, gore ke tle ke busetse batho ba phetolo?”

7Ba bua nae ba re: “Fa o nna pelonomi mo bathong ba, o ba kgatlha, o bua mafoko a a molemo nabo, foo ba tlaa nna batlhanka ba gago ka bosakhutleng.”

8Mme a latlha kgakololo ya bannabagolo e ba e mo gakolotseng, a gakololana le batho ba makau ba ba goletseng gongwe nae, ba ba emang fa pele ga gagwe.

9A ba raya a re: “Lona lo ntsha kgakololo efe, gore re tle re bosetse batho ba phetolo, ba ba buileng le nna ba re: ‘Tlhofofatsa jokwe e rraago o ne a e baya mo go rona, gore e nne motlhofo?’ ”

10Batho ba makau ba ba goletseng gongwe nae ba re: “O tlaa raya batho ba ba buileng nao, ba re: ‘Rraago o ne a ketefatsa jokwe ya rona, wena o e tlhofofatse mo go rona’; o tlaa ba raya jaana o re: ‘Monwana wa me o mmotlana o tlaa nna mokima bogolo go lotheka lwa ga rre.

11Jaana e re ka rre a ne a lo belesa jokwe e e bokete, nna ke tlaa oketsa jokwe ya lona; rre o ne a lo simega ka dime, nna ke tlaa lo simega ka diphepheng.’ ”

12Jalo Jeroboame le batho botlhe ba tla kwa go Rehoboame ka letsatsi la boraro, fela jaaka kgosi e ne e laotse ya re: “Lo tle kwa go nna gape ka letsasi la boraro.”

13Kgosi ya ba fetola ka kgobololo; kgosi Rehoboame a latlha kgakololo ya bannabagolo.

14A bua nabo jaaka kgakololo ya batho ba makau, a re: “Rre o ne a ketefatsa jokwe ya lona, nna ke tlaa e oketsa; rre o na a lo simega ka dime, mme nna ke tlaa lo simega ka diphepheng.”

15Kgosi ga e a ka ya reetsa batho; gonne go dirafaditswe ke Modimo, gore Jehofa a tlhomamise lefoko la gagwe le o ne a le bua le Jeroboame morwa Nabate ka Ahija, wa Mošilone.

16 E rile Baiseraele botlhe ba bona fa kgosi e sa ba reetse, batho ba fetola kgosi ba re: “Re na le kabelo efe mo go Dafite? Le gone ga re na boswa bope mo go morwa Jese. Yang megopeng ya lona Baiseraele lotlhe; o bone ntlo ya gago, wena Dafite.” Mme Baiseraele botlhe ba tloga ba ya megopeng ya bone.

17Ka ga bana ba Iseraele ba ba agileng mo metseng ya Juta, Rehoboame a ba busa fela.

18Foo kgosi Rehoboame a roma Hatorame, yo e leng molaodi wa ba ba kgethilweng; mme bana ba Iseraele ba mo kgobotletsa ka maje, a swa. Kgosi Rehoboame a itlhaganela a palama mo kareng ya gagwe, go tla a tshabela kwa Jerusalema.

19Mme Baiseraele ba sa le ba tsuololela kgotla ya ga Dafite, nako ke eno.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help