DIANE 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Poko ya botlhale

1 A Botlhale ga a kue,

tlhaloganyo a ga a tsholetse

lentswe la gagwe?

2Kwa godimo ga mafelo

a a godimo fa tseleng,

fa ditselana di kopanelang gone,

o eme gone;

3fa dikgorong,

fa botsenong jwa motse,

fa go tsenwang ka mejako gone,

o kuela godimo; a re:

4“Ke kua lona banna;

lentswe la me

le buisa bana ba batho.

5Lona ba lo sa tlhalefang,

tlhaloganyang matseba,

le lona dieleele

lo nne pelo e e tlhaloganyang.

6Utlwang, gonne ke tlaa bua

dilo tse di gaisang mo go

feteletseng;

go tumologa ga dipounama tsa me

e tlaa nna ga dilo tse di siameng.

7Gonne molomo wa me

o tlaa bolela boammaaruri;

boikepo ke makgapha

mo dipounameng tsa me.

8Mafoko otlhe a molomo wa me

a mo tshiamong;

ga go na sepe se se sokameng,

le fa e le se se kgopo mo go one.

9A bonala sentle fela otlhe

mo go ene yo o tlhaloganyang,

a siame mo go ba ba bonang kitso.

10Tsholang thuto ya me,

e seng selefera;

le kitso bogolo go gouta

e e tlhophegileng.

11Gonne botlhale bo molemo bogolo

go diperela, mme dilo tsotlhe

tse motho o ka di eletsang

ga di na go tshwantshiwa le jone.

12Nna, botlhale,

ke dirile matseba boago jwa me,

ke tsoma kitso le pharologanyo.

13Go boifa Jehofa ke go ila bosula;

boikgodiso, le bogoma, le mokgwa

o o bosula le molomo o o lesoko,

ke dilo tse ke di ilang.

14Kgakololo ke ya me,

le kitso e e itekanetseng;

ke nna tlhaloganyo; ke na le thata.

15Dikgosi di busa ka nna,

le dikgosana di tlhoma molao

wa tshiamo ke nna.

16Dikgosana di laola ka nna

le bagolwane,

e bong baatlhodi botlhe ba lefatshe.

17Ke rata bone ba ba nthatang;

ba ba mpatlang ka tlhoafalo

ba tlaa mpona.

18Dikhumo ke na natso le tlotlo,

ee, dikhumo tse di tlhomameng,

le tshiamo.

19Loungo lwa me lo molemo bogolo

go gouta,

ee, bogolo go gouta e e itshekileng;

le totafalelo ya me bogolo

go selefera se se tlhophegileng.

20Ke sepela mo tseleng ya tshiamo,

mo gare ga ditselane tsa tshiamiso.

21Gore ba ba nthatang

ke ba jese boswa jwa dilo,

le gore ke tlatse matlo a bone

a a bayang mahumo.

22 Jehofa o ne a na le nna

mo tshimologong ya tsela ya gagwe,

pele ga ditiro tsa gagwe

tsa bogologolo.

23Ke sa le ke emisiwa

kwa bosasimologeng kwa tlholegong,

lefatshe le ise le be le nne.

24E rile go se na ditsiba

tse di botengteng, ka tsalwa;

jale go se na metswedi

e e tletseng metsi.

25Pele dithaba di ise di itshetlele,

le pele ga dithabana, ka tsalwa.

26E rile a ise a dire lefatshe,

le fa e le dinaga, le fa e le

tshimologo ya lorole lwa lobopo,

27jale ka a etleetsa magodimo,

ka bo ke le gone.

Jale ka a baya tikwatikwe

mo bophadiphading

jwa setsiba se se boteng;

28e rile a tiisa loapi kwa godimo,

jale ka metswedi ya boteng

e pumpunyega;

29e rile a beela lewatle molelwane

wa lone, gore metsi

a tle a se ka a tlola taolo ya gagwe;

ya re a rala metheo ya lefatshe,

30foo ke ne ke le fa go ene,

jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro;

ke le natefelo ya gagwe ka malatsi

otlhe, ke ntse ke itumela

ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe.

31Ka itumelela lefatshe la gagwe

le le nnwang;

natefelo ya me le yone

e le mo baneng ba batho.

32Ke gone jaana, bomorwaaka, ka re:

Ntheetsang, gonne go sego

ba ba tshegetsang ditsela tsa me.

33Utlwang thuto, lo tlhalefe,

mme lo se ka lwa e gana.

34Go sego motho yo o nkutlwang,

a ntse a lebeletse fa dikgorong

tsa me,

a ntse a letile fa mephakwaneng

ya mejako ya me.

35Gonne yo o mponang o bona

botshelo, mme o tlaa bona

botsalano mo go Jehofa.

36Mme yo o nteofelang o siamololela

mowa wa gagwe tota;

botlhe ba ba nkilang ba rata loso.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help