2 SAMUELE 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dafite o utlwalela loso lwa ga Saule

1Ga dirala e rile morago ga loso lwa ga Saule, Dafite a sena go hulara kwa go bolayeng Baamaleke, Dafite a bo a bile a tlhotse malatsi a le mabedi mo Sikelage;

2ga dirala, ya re ka letsatsi la boraro, ga tla motho a tswa kwa bothibelelong jwa ga Saule, diaparo tsa gagwe di gagogile, le mmu o le mo tlhogong ya gagwe; ga nna jaana, ya re a fitlha kwa go Dafite a wela fa fatshe, a ikoba.

3Dafite a mo raya a re: “O tswa kae?” Mme a mo raya a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa Baiseraele.”

4Dafite a mo raya a re: “Go ile ga nna jang? Ke a go rapela, a ko o mpolelele.” A mo fetola a re: “Batho ba tshabile mo ntweng, le gone batho ba le bantsi ba ole ba sule; boSaule le Jonathane morwawe le bone ba sule.”

5Dafite a raya motho wa lekau yo o mmolelelang a re: “O itse jang fa Saule le Jonathane morwawe ba sule?”

6 Motho wa lekau yo o mmolelelang a re: “Ka tshogana ka ke le mo thabeng ya Gileboa, ka fitlhela Saule a itlhabeditse ka lerumo la gagwe; mme bona, ka fitlhela dikara le bapalama dipitse ba mo konateletse ka thata.

7O rile a gadima a mpona a mpitsa. Ka araba ka re: ‘Ke fano.’

8A nthaya a re: ‘O mang?’ Ka mo raya ka re: ‘Ke Moamaleke.’

9A nthaya a re: ‘Ke a go rapela, a ko o eme fa go nna o mpolaye, gonne ke tshwerwe ke sedidi ka go bo botshelo jwa me bo sa le mmogo mo go nna.’

10Ka ema fa go ene, ka mmolaya, ka ke ne ke itse sentle fa a sa ka ke a tshela a sena go wa; ka tsaya serwalo se se mo tlhogong ya gagwe, le mofitshana mo letsogong la gagwe, ke di lerile kwano go morena wa me.”

11Foo Dafite a itshwara diaparo, a di gagola, le banna botlhe ba o nang nabo ba dira jalo.

12Ba hutsafala, ba lela, ba ba ba ikitsa go ja go ya maitseboeng, ka ga Saule le ka ga Jonathane, le ka ga batho ba ga Jehofa, le ka ga ntlo ya Iseraele; ka ba ole ka tšhaka.

13Dafite a raya motho wa lekau yo o mmoleletseng a re: “O mokae?” A mo fetola a re: “Ke morwa moeng, ke Moamaleke.”

14Dafite a mo raya a re: “Go ntse jang ka o se ka wa boifa go ntsha letsogo la gago wa bolaya motlodiwa wa ga Jehofa?”

15Dafite a bitsa lekau lengwe a re: “Mo atamele o mo wele.” Mme a mo itaya a swa.

16Dafita a mo raya a re: “A madi a gago a nne mo tlhogong ya gago; gonne molomo wa gago o supile ka ga gago, ka o re, O bolaile motlodiwa wa ga Jehofa.”

Dafite o lelela Saule le Jonathane

17Dafite a hutsafalela Saule le Jonathane morwawe ka khutsafalo e.

18 A raya batho a re ba rute bana ba Juta sefela sa bora; bonang se kwadilwe mo lokwalong lwa ga Jašare.

19A re:

“Iseraele we,

a bo kgalalelo ya gago e bolaetswe

mo mafelong a gago a a godimo!

Ana diganka di ole jang!

20Lo se ka lwa go bolela mo Gathe,

lo se ka lwa go utlwatsa

mo mebileng ya Ašekelone;

bomorwadia Bafilisitia

ba ka tla ba itumela,

bomorwadia bone ba ba sa rupang

ba ka tla ba ja koma.

21Lona dithaba tsa Gileboa,

a go se ne monyo,

le fa e le pula mo go lona,

le fa e le maota a ditshupelo;

gonne ke gone kwa thebe ya seganka

e latlhetsweng gone ka bobe,

thebe ya ga Saule,

jaaka ekete ke ya

yo o sa tlodiwang ka lookwane.

22Mo mading a ba ba bolailweng,

le mo mahureng a diganka,

bora jwa ga Jonathane

ga bo a ka jwa bowa fela,

le tšhaka ya ga Saule

ga e a ka ya bowa e iphotlhere fela.

23Saule le Jonathane

ba ne ba le bantle,

ba le natefo mo matshelong a bone,

le mo losong lwa bone

ba ne ba sa kgaogana;

ba ne ba le bofefo

bogolo go bontswi ba batona,

ba le thata bogolo go ditau.

24Lona bomorwadia Iseraele,

lelelang Saule yo o ne a lo apesa

bohibidu jo bo letlhololo

mo go kgatlhang,

a baya mekgabo ya gouta

mo diaparong tsa lona.

25Ana diganka di ole jang

mo gare ga tlhabano.

Jonathane o bolaetswe

mo mafelong a gago a a godimo.

26Ke mo tlalelong ka ga gago

Jonathane, mogolole;

mo go nna, o ntse o le natefo thata;

lorato lwa gago mo go nna

lo ne lo gakgamatsa

lo feta lorato lwa basadi.

27Ana diganka di ole jang,

le dibolao tsa ntwa

di nyeletse jang!”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help