BAATLHODI 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa ga Debora le Barake

1Foo Debora le Barake morwa Abinoame ba opela ka tsatsi leo, ba re:

2“E re ka baeteledipele

ba ne ba etelela Iseraele pele,

ka batho ba ne ba ineela ka peleego,

a ko lo bakeng Jehofa.

3Utlwang, lona dikgosi;

sekegang tsebe, lona dikgosana;

nna, e bong nna,

ke tlaa opelela Jehofa;

ke tlaa opelela Jehofa,

Modimo wa Iseraele dipako.

4Jehofa, e rile o bolola kwa Seire,

e rile o tsamaela gongwe

o tswa nageng ya Etome,

lefatshe la roroma,

magodimo a rotha,

maru a rotha metsi.

5 Dithaba tsa nyera,

tsa ela ka sebonalo sa ga Jehofa,

e bong Sinai yole,

ka sebonalo sa ga Jehofa,

Modimo wa Iseraele.

6E rile mo metlheng

ya ga Shamegare morwa Anathe,

ya re mo metlheng ya ga Jaele,

ditsela tse dikgolo

di ne di sa tsamaiwe,

baeti ba tsamaya ka ditselana

tse di kwa thoko fela.

7Balaodi ba ne ba khutla

mo go Iseraele,

ba khutla, ga tsamaya

nna Debora ka ema,

ka ema

ke le mma batho mo Iseraele.

8Ba ne ba itshenkela medimo e meša;

foo go ne go le ntwa

mo dikgorong;

a go no go ka bonwa thebe,

kgotsa lerumo, mo bathong

ba le dikete di le masome a le mane

mo Iseraele?

9Pelo ya me

e ntlheng ya balaodisiwa ba Iseraele,

ba ba ineetseng ka peleego

mo gare ga batho;

bakang Jehofa.

10Bolelang, lona

ba lo palamang diesela tse ditshweu,

ba lo dutseng mo diphateng

tse di solegileng,

le lona ba lo tsamayang mo tseleng:

11Ba le kgakala

le modumo wa bahudi ka bora,

ba le mo mannong

kwa go gelelwang gone,

ba tlaa kakanya ditiro

tse di siameng tsa ga Jehofa teng,

e bong ditiro tse di siameng

tsa puso ya gagwe mo go Iseraele.

Foo batho ba ga Jehofa

ba fologela kwa dikgorong.

12Tsoga, tsoga Debora;

tsoga, tsoga, o tlhabe sefela;

nanoga, Barake,

o gogele ditshwarwa tsa gago

botshwarong,

wena morwa Abinoame.

13Foo ga fologa malotsi a magosana

a na le batho;

Jehofa a mphologela

go ntlhabantsha le bathata.

14Mo go Eferaime

ga fologa bone

ba motswe wa bone

o mo go Amaleke;

morago ga gago, Benjamine,

mo bathong ba gago;

mo go Makire

ga fologa balaodisiwa,

le mo go Sebulone

ga fologa ba ba itseng

go tshwara lore lwa morulaganyi.

15Dikgosana tsa Isakare

di ne di na le Debora;

jaaka Isakare a ne a ntse,

Barake o ne a ntse jalo;

ba gorometsegela mo molapong

ba tswa fa dinaong tsa gagwe.

Mme fa meeding ya metsi

ya ga Rubene,

go ne go le maikaelelo

a magolo a pelo.

16O ne o dulelang

mo marakaneng a dinku

go reetsa dinakana di lelediwa

matsomane?

E ne ya re fa meeding

ya metsi ya ga Rubene

ga ba ga nna maiphukutso

a magolo a pelo.

17Gileate o ne a nna

kwa moseja ga Joretane;

Dane le ene,

o ne a salelang mo dikepeng?

Ašere a dula fela

fa losing lwa lewatle; mme

a nna fa dinwaneng tsa gagwe.

18Sebulone e ne e le tšhaba

e e itshenoletseng loso,

le ba Nafetali,

mo mafelong a matshwaraganelo

mo tlhabanong.

19Dikgosi tsa tla tsa tlhabana;

foo ga tlhabana

dikgosi tsa Kanana mo Taanake,

fa metsing a Megito;

ga di a ka tsa amogela

tuelo ya madi.

20Ba tlhabana ba le legodimong,

dinaledi mo ditseleng tsa tsone

tsa tlhabana le Sisera.

21Noka ya Kišone

ya ba kgopholela koo,

noka eo ya bogologolo,

noka ya Kišone.

Wena mowa wa me,

tsamaelela gongwe kwa pele

ka thata.

22Foo ditlhako tsa dipitse

tsa tiba ka ntlha ya makalemo,

ka ntlha ya makalemo

a ba ba thata ba bone.

23‘Hutsang Merose,’

go bua moengele wa ga Jehofa,

‘lo hutseng banni ba gone

mo go botlhoko;

ka ba se ka ba tla thusong,

go thusa Jehofa, go thusa Jehofa

go tlhabana le bathata.’

24O tlaa nna sego ene Jaele,

bogolo go basadi, e bong mosadi wa

ga Hebere wa Mokene,

O tlaa nna sego

bogolo go basadi mo mogopeng.

25A lopa metsi,

mme a mo naya maši;

a mo leretse madila a maši

ka sejana sa serena.

26A isa seatla kwa lomapong

le seatla sa gagwe se segolo

kwa notong ya modiri,

mme a rutha Sisera ka noto,

a mo phololetsa tlhogo,

ee, a tlhaba,

a phololetsa matlhwana a gagwe.

27A inama fa dinaong tsa gagwe,

a wa, a namalala;

a inama fa dinaong tsa gagwe, a wa;

fa o ne a inama gone

a wela gone a sule.

28A okomela ka fensetere,

a opotsa, ene mmaagwe Sisera,

a opotsa ka fa marofaneng, a re:

‘Kara ya gagwe e diegelang

go tla ka boleele?

Maoto a kara ya gagwe

a nyafalelang?’

29Bahumagadi ba gagwe ba ba

botlhale ba mo fetola,

ee, o ne a iphetola ka esi.

30A re: ‘A ga baa bona thopo,

a ga baa kgaoganya thopo?

Monna mongwe le mongwe

a bona mosetsana,

gongwe basetsana ba le babedi;

Sisera a ga a bone thopo e e

mebalabala,

thopo e e mebalabala

ya tiro ya marorodi,

e e mebalabala

ya tiro ya marorodi

ka ntlha tsoo pedi,

mo thamong tsa thopo?’

31A baba ba gago botlhe

ba swe fela jalo, Jehofa;

mme ba ba mo ratang

ba nne jaaka letsatsi

fa le tswa mo thateng ya lone.”

Mme lefatshe la bona boikhutso ka dinyaga di le masome mane.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help