BAATLHODI 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Botsalo jwa ga Samesone

1Gape bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa; Jehofa a ba tsenya mo seatleng sa Bafilisitia ka dinyaga di le 40.

2Go ne go le monna mongwe wa Sora, wa losika lwa Badane, leina la gagwe e le Manoa; mosadi wa gagwe a bo a le moopa a sa bone bana.

3Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go mosadi yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o bone bana; mme o tlaa ithwala, o tlaa bona ngwana wa mosimane.

4Ke gone jaana, ke a go rapela o itise, o se ka wa nwa bojalwa bope jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, le gone o se ka wa ja sepe se se itshekologileng,

5 gonne bona, o tlaa ithwala, o tlaa bona ngwana wa mosimane; mme a go se tle logare mo tlhogong ya gagwe; gonne ngwana o tlaa nna Monasirite wa Modimo go tswa mo go tsalweng ga gagwe; o tlaa simolola go golola Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.”

6Foo mosadi a fitlha a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna mongwe wa Modimo o ne a tla kwa go nna, sefatlhogo sa gagwe se tshwana le sefatlhogo sa moengele wa Modimo, se boitshega thata; ga ke a ka ka mmotsa kwa o tswang gone, le gone ga a ka a mpolelela leina la gagwe;

7mme a nthaya a re: ‘Bona, o tlaa ithwala, o tlaa bona ngwana wa mosimane; jaana o se ka wa nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, o bo o se ka wa ja sepe se se itshekologileng, gonne ngwana o tlaa nna Monasirite Modimong go tswa mo go tsalweng, go ya tsatsing la loso lwa gagwe.’ ”

8Foo Manoa a rapela Jehofa a re: “Morena ke a go rapela, a monna wa Modimo yo o ne wa mo roma, a tle kwa go rona gape, a re rute se re tlaa se dirang ngwana yo o tlaa bonwang.”

9Modimo wa reetsa lentswe la ga Manoa; moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a dutse mo nageng; Manoa monna wa gagwe o ne a se na nae.

10Mosadi a itlhaganela a siana a ya a bolelela monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yole o mponaletse, yo o ne a tsile kwa go nna maloba.”

11Manoa a nanoga a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yoo; a mo raya a re: “A ke wena monna yo o ne a bua le mosadi?” A re: “Ke nna.”

12Manoa a re: “Jaana a mafoko a gago a dirale; e tlaa nna ngwana yo o ntseng jang, le tiro ya gagwe e tlaa nna eng?”

13Moengele wa ga Jehofa a raya Manoa a re: “Mo go tsotlhe tse ke di buileng le mosadi, a mosadi a itise.

14A se ka a ja sepe se se tswang mo mofineng, le gone a se ka a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, le fa e le go ja sepe se se itshekologileng, gotlhe mo ke go mo laoletseng a go tlhokomele.”

15Manoa a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Ke a go rapela, o mme re go die, gore re go baakanyetse potsane.”

16Moengele wa ga Jehofa a raya Manoa a re: “Le fa o ntia ga nketla ke ja dijo tsa gago; mme fa o rata go baakanya tshupelo e e fisiwang, o tlaa e isetsa Jehofa.” Gonne Manoa o ne a sa itse fa e le moengele wa ga Jehofa.

17Manoa a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Leina la gago e mang, e tle e re mafoko a gago a dirala re be re itse go go tlotla?”

18Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “O boletsang leina la me, e tswa e le le le gakgamatsang?”

19Jalo Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya boupe, a isetsa Jehofa ka tsone mo letlapeng; mme moengele a dira mo go gakgamatsang, Manoa le mogatse ba lebile.

20Gonne ga dirala, ya re kgabo ya molelo e tlhatlogela legodimong e tswa mo letlapeng, moengele wa ga Jehofa a tlhatloga a le mo kgabong ya sebeso; Manoa le mogatse ba bo ba lebile; mme ba wela ka difatlhogo fa fatshe.

21Moengele wa ga Jehofa a se ka a tlhola a bonalela Manoa le fa e le mosadi wa gagwe. Foo Manoa a itse fa e le moengele wa ga Jehofa.

22Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri re tlaa swa, gonne re bonye Modimo.”

23Mme mosadi wa gagwe a mo raya a re: “Fa Jehofa a ka bo ne ne a ratile go re bolaya, o ka bo fano a se ka a amogela tshupelo e e fisiwang, le tshupelo ya boupe mo seatleng sa rona, le gone o ka bo a se ka a re supetsa dilo tsotlhe tse, le gone o ka bo a se ka a bolela dilo tse di ntseng jalo mo lobakeng lono.”

24Mosadi a bona ngwana wa mosimane, a mo raya leina a re, Samesone. Mme ngwana a tutuga, mme Jehofa a mo segofatsa.

25Mowa wa ga Jehofa wa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo Mahanetane, gare ga Sora le Ešetaole.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help