ISAIA 35 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tsela e e isang boitshepong

1E e leng naga fela e tlaa ipela

le lefatshe la lokgere;

le sekaka se tlaa itumela

se nyakalala jaaka sešeše.

2Se tlaa nyakalala segolo thata,

se ipela, ee,

le ka boitumelo le tuduetso;

kgalalelo ya Lebanone

e tlaa se newa,

le boitlotlomatso jwa Karemele le

Sharone;

ba tlaa bona kgalalelo ya ga Jehofa,

le boitlotlomatso jwa Modimo

wa rona.

3 Thatafatsang diatla tse di bokoa,

lo lomaganye mangole

a a kgwetlhang.

4Rayang bone ba pelo e e ngodiegang

lo re: “Thatafalang, se boifeng;

bonang, Modimo wa lona

o tlaa tla ka pusoloso,

le ka tefetso ya Modimo;

o tlaa tla a lo boloka.”

5 E dira gone

matlho a difofu a tlaa foufololwang,

le ditsebe tsa bosusu

di tlaa thibololwang.

6E dira gone setlhotsa

se tlaa tlolang jaaka kwalata,

le loleme lwa semumu

lo tlaa opela; gonne metsi

a tlaa phunyega mo nageng

le dinokana mo sekakeng.

7Meenene e tlaa tswa

mogobe wa metsi,

le mmu o o nyorilweng

metlhodi ya metsi;

mo bonnong jwa diphokoje,

kwa di ne di robala teng,

go tlaa nna bojang

bo na le lotlhaka le mokhasi.

8Le tsela ya mheru

e tlaa nna teng, le bofeto;

go tlaa bidiwa tsela ya boitshepo;

ba ba sa itshekang

ga ba ketla ba tla ka yone;

mme e tlaa nna ya bone bale;

batsamai le tsela,

ee, le ba ba dieleele

ga ba ketla ba timela mo go yone.

9Ga go ketla go nna tau epe teng,

le gone sebatana sepe se se gagolang

ga se ketla se ya mo go yone;

ga di ketla di fitlhelwa teng;

mme barekolodwi

ba tlaa tsamaya teng;

10mme ba Jehofa o ba lefetseng

ba tlaa bowa,

ba tlaa tla ka kopelo mo Sione;

boitumelo jwa bosakhutleng

bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone;

ba tlaa bona boipelo le boitumelo;

mme bohutsana bo tlaa fofela koo

le diphegelo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help