JOBE 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Satane o leka Jobe lwa bobedi

1Gape go le letsatsi lengwe le bomorwa Modimo ba yang go iponatsa fa pele ga Jehofa ka lone, Satane le ene a ya nabo, a ya go iponatsa fa pele ga Jehofa.

2Jehofa a raya Satane a re: “O tswa kae?” Satane a fetola Jehofa a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, le go tsamayatsamaya mo go lone.”

3Jehofa a raya Satane a re: “A o ntse o tlhokometse motlhanka wa me Jobe, gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o thokgameng, a boifa Modimo, a tshaba bosula? O sa ntse a tshegeditse bosenang molato jwa gagwe, le fa o ntlhotlheleditse, gore ke mo senye ka bomo.”

4Satane a fetola Jehofa a re: “Letlalo le tle le ntshediwe letlalo, ee, tsotlhe tse motho o nang natso o tlaa di ntshetsa botshelo jwa gagwe.

5Mme a ko o ntshe seatla sa gago jaana, o mo ame lesapo le nama, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.”

6Jehofa a raya Satane a re: “Bona, o mo seatleng sa gago; o rekegele botshelo jwa gagwe, ke gone gotlhe.”

7Jalo Satane a tswa fa pele ga Jehofa a ya a itaya Jobe ka diso tse di bosula, go simolola ka sebete sa lonao go ya phogong ya gagwe.

8A itseela lobeana go ingwaya ka lone; mme a dula mo meloreng.

9Foo mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse bosenang molato jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.”

10Mme a raya mosadi a re: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.

Jobe o lekolwa ke ditsala tsa gagwe

11Jaana e rile ditsala tsa ga Jobe di le tharo di utlwela bosula jotlhe jo, jo bo tsileng mo go ene, tsa tloga tsa tswa mongwe le mongwe kwa ga gagwe; Elifase wa Motemane, Biletate wa Mošuhe le Sofare wa Monaamathe; ba laletsanya gore ba kgatlhane ba ye go mo hutsafalela le go mo gomotsa.

12Ya re ba tsholetsa matlho ba sa le kgakala, mme ba sa mo itse, ba tlhatlosa mantswe a bone ba lela; mongwe le mongwe a ikgagola kobo, mme ba kubuelela lorole legodimong godimo ga tlhogo tsa bone.

13Jalo ba dula nae fa fatshe ka malatsi a supa le masigo a supa, ope a se ka a bua lefoko nae; gonne ba bona fa botlhoko jwa gagwe bo le botona thata.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help