2 DITIRAFALO 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 Foo Solomone a simolola go aga ntlo ya ga Jehofa mo Jerusalema, mo thabaneng ya Morija, kwa Jehofa o ne a bonalela Dafite rraagwe gone, felo fa o go baakantseng, mo felong fa Dafite o ne a go laotse, mo seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse.

2A simolola go aga ka tsatsi la bobedi la kgwedi ya bobedi, ka ngwaga wa bone wa puso ya gagwe.

3Jaana e ke yone metheo e Solomone o ne a e beela kago ya ntlo ya Modimo: Boleele ka selekanyo sa mabogo ka fa selekanyong sa ntlha, e ne e le boleele jwa dimetara di le 27, boatlhamo dimetara di le 9.

4Mokatako o o fa pele ga ntlo, boleele jwa one e le jwa dimetara di le 9, ka fa boatlhamong jwa ntlo, bogodimo e le jwa dimetara di le 54. Ka fa teng a e manega gouta e e sa pekwang.

5Ntlo e kgolo a e thiba ditlhomeso ka dimati tsa mafira ka fa teng, a di manega gouta e e itshekileng, a e kwalakwatsa ditlhare tsa makolane, le bompolokwane.

6A kgabisa ntlo ka majana a a tlhokegang, gore e nne ntle; mme gouta e ne e le gouta ya Parafaima.

7Le gone a manega ntlo, le mesipuri, le direpudi, le dimota tsa yone, le ditswalo tsa yone ka gouta; a e kwalakwatsa ditšheruba mo dimoteng.

8 A dira ntlo e e boitshepo jo bo itshepileng; boleele jwa yone e le jwa dimetara di le 9, ka fa boatlhamong jwa ntlo, boatlhamo jwa yone e le jwa dimetara di le 9; a e manega gouta e e itshekileng, e feta ditone tse 20 ka bokete:

9Bokete jwa dimapo e le dikerame tsa gouta di le 570. Matlwana a a kwa godimo a a manega gouta.

10 Mo ntlong e e boitshepo jo bo itshepileng a dira ditšheruba di le pedi tsa tiro ya setshwantsho; a di manega gouta.

11Diphuka tsa ditšheruba di le boleele jwa dimetara di le 9; lofuka lwa tšheruba nngwe lo le dimetara di le 2,2, lo fitlha kwa lomoteng lwa ntlo; lofuka lo longwe le lone lo le dimetara di le 2,2, lo fitlha kwa lofukeng lwa tšheruba e nngwe.

12Lofuka lwa tšheruba e nngwe lo le dimetara di le 2,2, lo fitlha kwa lomoteng lwa ntlo; lofuka lo longwe lo le dimetara di le 2,2 le lone lo tshwaragana le lofuka lwa tšheruba e nngwe.

13Diphuka tsa ditšheruba tseo tsa tsharologa tsa nna dimetara di le 9; tsa bo di eme ka dinao, difatlhogo tsa tsone di lebile kwa teng ga ntlo.

14 Sesiro a se dira ka bobududu le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, le leloba le le boleta, mme a logela ditšheruba mo go sone.

Maotwana a mabedi a kgotlho(1 Dikg 7:15-22)

15Le gone a dira maotwana a le mabedi fa pele ga ntlo, a le bogodimo jwa dimetara di le 15,5, le tlhogo e e mo godimo ga lengwe le lengwe la one e le dimetara di le 2,2.

16Mo bobuelelong a dira bompolokwane a ba baya mo godimo ga maotwana; a dira digaranata di le 100 a di baya mo bompolokwaneng.

17A tlhoma maotwana fa pele ga tempele, lengwe ka fa ntlheng ya le legolo le lengwe ka fa ntlheng ya la molema; a raya le le ka fa ntlheng ya le legolo leina a re: Jakine, le le ka fa ntlheng ya la molema a le raya leina a re: Boase.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help