LUKE 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ketapele

1Go Motlotlegi Theofila: E re ka batho ba le bantsi ba ineetse go kwala ka thulaganyo polelo ya dilo tse di nang le tlhomamo ruri mo go rona,

2fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho, le ba e neng e le badiredi ba lefoko mo tshimologong;

3le nna, ka ke tlhotlhomisitse ruri dilo tsotlhe le tsa tshimologo, ke ntse ke ikaeletse fa go ka nna molemo go go kwalela ka thulaganyo,

4gore o itse tlhomamo ya dilo tse o rutilweng mo go tsone.

Kitsiso ya botsalo jwa ga Johane wa Mokolobetsi

5 E rile mo metlheng ya ga Herote kgosi ya Jutea, ga bo go le moperesiti mongwe go twe Sakaria, wa lekoko la phapaano ya ga Abija; mosadi wa gagwe le ene a bo a le wa bomorwadia Arone, leina la gagwe e le Elisabethe.

6Ba bo ba le tshiamo fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena ba se na molato.

7Ba bo ba se na ngwana, ka Elisabethe a le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse thata boo babedi.

8Jaana ga dirala ya re a dira tiro ya gagwe ya boperesiti fa pele ga Modimo ka fa phapaanong ya lekoko la gagwe,

9ka fa tlwaelong ya boperesiti, ga bo go tla letsatsi la gagwe la go tsena mo tempeleng ya Modimo ka lone, a ya go fisa maswalo.

10Bontsi jotlhe jwa batho ba bo ba rapela ba le ka fa ntle ka lobaka lwa go fisa maswalo.

11Mme ga bonala kwa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya letsogo le le siameng la sebeso sa maswalo.

12Ya re Sakaria a mmona a fuduega, le poifo ya mo wela.

13Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane.

14O tlaa nna le boitumelo le boipelo; le batho ba le bantsi ba tlaa itumelela go tsalwa ga gagwe.

15 Gonne o tlaa nna mogolo mo ponong ya Morena; ga a ketla a nwa bojalwa jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng; mme o tlaa tlala Mowa o o Boitshepo le a sa tswa sebopelong sa ga mmaagwe.

16Bana ba le bantsi ba Iseraele o tlaa ba sokololela mo go Morena Modimo wa bone.

17 O tlaa mo etelela pele ka mowa le ka nonofo ya ga Elija, go sokololela dipelo tsa borara mo baneng, le ba ba sa utlweng go sepela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena sešaba se o se etleeleditsweng.”

18Jalo Sakaria a raya moengele a re: “Golo mo ke tlaa go itse ka eng, ka ke le monnamogolo le mosadi wa me a tsofetse thata?”

19 Moengele a mo fetola a re: “Ke nna Gaberiele, yo ke emang fa pele ga Modimo; ke romilwe go tla ke bua nao, le go go bolelela mafoko a, a boitumelo.

20Bona, o tlaa nna semumu, o retelelwe ke go bua, go tle go tsamaye letsatsi le tle, le dilo tse di tlaa dirafalang ka lone, ka o sa dumele mafoko a me, a a tlaa dirafalang mo lobakeng lwa one.”

21Mme batho ba bo ba lebeletse Sakaria; mme ba gakgamalela tiego ya gagwe e e kalo mo tempeleng.

22Mme ya re a tswa, a retelewa ke go bua nabo; mme ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng; mme a nna a ba gwetlha, mme a fela a ntse semumu fela.

23Ga dirala, ya re malatsi a tirelo ya gagwe a sena go feta, a tsamaya a ya kwa ga gagwe.

24E rile morago ga malatsi ao, Elisabethe mosadi wa gagwe a nna moimana, mme a iphitlha ka dikgwedi di le tlhano, a re:

25“Morena o ntiretse jalo mo metlheng e o ntebileng ka yone go ntlosa kgobo mo bathong.”

Kitsiso ya botsalo jwa ga Jesu

26Jaana e rile ka kgwedi ya borataro, moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galilea, o o bidiwang Nasaretha.

27 A ya kwa kgarebaneng e e beeletsweng ke monna yo o bidiwang Josefe, wa ntlo ya ga Dafite; leina la kgarebane e ne e le Maria.

28Moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela wena yo o sego thata, Morena o na nao: (O sego mo basading).”

29Maria a fuduiwa thata ke lefoko la gagwe, mme a akanya tumediso e, gore e ka ne e le e e ntseng jang.

30Moengele a mo raya a re: “O se ka wa boifa Maria; gonne o bonye lesego mo Modimong.

31 Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu.

32 O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe.

33O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.”

34Mme Maria a raya moengele a re: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?”

35Mme moengele a mo fetola a re: “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.

36Bona, Elisabethe wa losika lwa gago, le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; mme e, ke yone kgwedi ya borataro mo go ene yo o neng a bidiwa moopa.

37 Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”

38Mme Maria a re: “Bona, lelata la Morena; a go ntirafalele jaaka lefoko la gago.” Mme moengele a mo tlogela.

Maria o etela Elisabethe

39E rile mo metlheng eo Maria a tloga, a itlhaganelela kwa lefatsheng la makgabana, kwa motseng mongwe wa Juta.

40Mme a tsena mo ntlong ya ga Sakaria, a dumedisa Elisabethe.

41Ga dirala ya re Elisabethe a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe; Elisabethe a tlala Mowa o o Boitshepo;

42mme a bua ka lentswe le legolo a re: “O sego mo basading, go bile go sego loungo lwa sebopelo sa gago.

43Mme mo, go ntswela kae, fa e bo jaana mma Morena wa me a ka tla mo go nna jaana?

44Gonne bona, e re lentswe la tumediso ya gago le tsena fela mo ditsebeng tsa me, ngwana a bo a tlola ka boitumelo mo sebopelong sa me.

45Go sego ene mosadi, yo o dumetseng; gonne dilo tse o di boleletsweng ke Morena di tlaa dirafala.”

Sefela sa ga Maria sa kgalaletso

46 Foo Maria a re:

“Mowa wa me o godisa Morena,

47mowa wa me o bile o itumetse

mo Modimong Mmoloki wa me.

48 Gonne o lebile bobotlanyana

jwa lelata la one;

gonne bona, jaana ditshika tsotlhe

di tlaa mpitsa mosegofadiwa.

49Gonne one o o leng thata

o ntiretse dilo tse dikgolo;

mme leina la one le boitshepo.

50Boutlwelobotlhoko jwa one

bo mo go ba ba o boifang,

mo tshikatshikeng.

51O supile nonofo

ka letsogo la one;

o faladitse ba ba pelompe

mo ditlhatlhanyong

tsa dipelo tsa bone.

52 O digile dikgosana

mo ditulong tsa tsone tsa bogosi;

mme o godisitse

ba ba leng babotlana fela.

53Ba ba bolawang ke tlala

o ba kgorisitse

ka dilo tse di molemo;

bahumi o ba tsamaisitse

ba iphotlhere fela.

54O thusitse Iseraele

motlhanka wa one,

gore a gakologelwe

boutlwelobotlhoko jwa one.

55 Jaaka o buile le borraetsho,

ka ga Aberahame le losika lwa gagwe

ka bosakhutleng.”

56Maria a nna nae e ka ne e le ka dikgwedi di le tharo, a ba a boela kwa ga gagwe.

Botsalo jwa ga Johane wa Mokolobetsi

57Jaana lobaka lwa ga Elisabethe lwa fitlha, lo o tlaa belegang ka lone; mme a bona mosimane.

58Bankane le ba ga gabo ba utlwa jaaka Morena a mo godiseditse boutlwelobotlhoko jo bogolo; ba itumela nae.

59 Ga dirala ya re ka letsatsi la bo 8 ba tla go rupisa ngwana, ba bo ba re ba mo raya leina, ba re, Sakaria, leina la ga rraagwe.

60Mme mmaagwe a ba fetola, a re: “Nnyaa, ga go a nna jalo; o tlaa bidiwa Johane.”

61Ba mo raya ba re: “Ga go na ope wa losika lwa gago yo o bidiwang ka leina leo.”

62Jalo ba gwetlha rraagwe, go itse ka fa o ratang a bidiwa ka teng.

63Mme a lopa sematla se se kwalelang, mme a kwala a re: “Leina la gagwe ke Johane.” Ba gakgamala botlhe.

64Molomo wa gagwe wa momologa ka bonako, le loleme lwa gagwe lwa hunologa, mme a bua, a baka Modimo.

65Poifo ya wela botlhe ba ba agileng mo tikologong ya bone; dipolelo tse tsotlhe, tsa bolelwa thata mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea.

66Botlhe ba ba utlwang, dilo tse, ba di tsaya ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, e tlaa nna yo o ntseng jang!” Gonne seatla sa Morena sa bo se nna nae.

Leboko la ga Sakaria

67Foo Sakaria, rraagwe, a tlala Mowa o o Boitshepo, mme a perofesa, a re:

68“A go bakwe Morena

Modimo wa Iseraele,

gonne o lekotse batho ba one,

o bile o ba diretse thekololo.

69O re emiseditse lonaka lwa poloka

mo ntlong ya ga Dafite

motlhanka wa one.

70Jaaka o buile

ka melomo ya baperofeti ba one

ba ba boitshepo,

ba ba ntseng ba le yo

e sa le ka tshimologo ya lefatshe;

71gore re gololwe mo babeng ba rona,

le mo diatleng tsa botlhe

ba ba re ilang;

72gore o dirafaletse borraetsho

boutlwelobotlhoko,

le gore o gakologelwe

kgolagano e e boitshepo ya one;

73le maikano a o ikanetseng

rraetsho Aberahame ka one.

74Fa o tlaa re naya gore

e tle e re re golotswe mo diatleng

tsa baba ba rona,

re o direle re se na poifo,

75mo boitshepong le mo tshiamong

fa pele ga one,

ka malatsi otlhe

a botshelo jwa rona.

76 Ee, le wena ngwana,

o tlaa bidiwa moperofeti

wa Mogodimodimo;

gonne o tlaa tsamaya

fa pele ga sefatlhogo sa Morena

go baakanya ditsela tsa gagwe;

77go naya batho ba gagwe

kitso ya poloko

ka boitshwarelo jwa dibe tsa bone.

78Ka ntlha ya boutlwelobotlhoko

jo bonana

jwa Modimo wa rona;

jo bophepa jwa moso

jo bo tswang godimong

bo re lekotseng ka jone,

79 go phatsimela

ba ba dutseng mo lefifing

le mo moriting wa loso,

go siamisetsa dinao tsa rona

mo tseleng ya kagiso.”

80Jalo ngwana a gola, a nonofa mo moweng; mme a nna mo dinageng go ya go fitlha mo lobakeng lwa go itshupa ga gagwe mo go Iseraele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help